Fetela kwa tshedimosetsong

Ba lelapa loo Falcone ba le kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa

MARCH 3, 2017
Germany

Kgotlatshekelo ya Jeremane e Dira Dikopano Tsa Basupi Gore e Nne Malatsi a Boikhutso

Kgotlatshekelo ya Jeremane e Dira Dikopano Tsa Basupi Gore e Nne Malatsi a Boikhutso

Ka April 2012, batsadi ba ga Vivienne Falcone yo o nang le dingwaga tse supa ba ne ba mo naya lekwalo gore a le neye mogokgo wa sekolo. Mo lekwalong leo, batsadi ba ne ba kopa tetla ya gore Vivienne a se ka a tla sekolong. Lelapa la gaabo le ne le rulagantse go ya kopanong ya malatsi a le mararo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mainz. Kopano eno e tshwarwa ngwaga le ngwaga. Mogokgo o ne a gana go letla Vivienne gore a ye kopanong eo e e neng e tla simolola ka Labotlhano. Le fa go ntse jalo, batsadi ba ga Vivienne ba ne ba tsamaya le ene go ya kopanong ka gonne ba batla gore ngwana wa bone a ithute ka Modimo. Batsadi ba ga Vivienne ba ne ba tsenya kopo kwa Lefapheng la Thuto ba ikuela kgatlhanong le tshwetso ya sekolo. Go na le gore lefapha leno le tseye malatsi a kopano e le malatsi a boikhutso, le ile la laela batsadi ba ga Vivienne gore ba duele madi.

Tshwetso ya Lefapha la Thuto e ne e tla nna le diphelelo tse di bosula mo batsading ba ga Vivienne ka gonne molao wa kwa Jeremane o laela batsadi gore ba tlhomamise gore bana ba bone ga ba lofele sekolo. Fa bana ba sa tle sekolong mme go se na mabaka a a utlwalang a go dira jalo, batsadi ba ka laelwa gore ba duele madi kgotsa ba ka isiwa kgolegelong. Batsadi ba ga Vivienne ba ne ba tsaya tshwetso eo e le go gataka ditshwanelo tsa bone tsa go godisa ngwana go ya ka melao ya bodumedi jwa bone.

Ba Sekisediwa Bodumedi Jwa Bone

Batsadi ba ga Vivienne e bong Stefano le Elisa ba ne ba bula kgetsi kwa kgotlatshekelo ba ikuela kgatlhanong le tshwetso ya sekolo. Ba ne ba tlhalosa gore dilo tse ba di ithutang kwa kopanong di ba thusa go obamela Modimo sentle le go nonotsha tumelo ya bone. Gape ba ne ba re: “Kopano eno e tla gangwe fela mo ngwageng e bile e botlhokwa fela thata mo go rona.” * Kgotlatshekelo e ne ya dumalana le batsadi bano gore dikopano tsa ngwaga le ngwaga tsa Basupi ba ga Jehofa di tshwanetse go tsewa e le malatsi a boikhutso. Lefapha la Thuto le ne la gana go amogela tshwetso eo le re dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa ga di tshwane le malatsi a botlhokwa a a jaaka Keresemose le Paseka.

Ka July 27, 2015, Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya kwa Hesse e ne ya dumalana le tshwetso ya kgotlatshekelo e nnye. E ne ya tlhalosa gore kereke ke yone e itirelang tshwetso ya gore ke malatsi afe a e tla a tsayang e le a boikhutso. Kgotlatshekelo eno e ne ya bua jaana fa e tlhalosa pharologanyo fa gare ga tsela e kereke e tsamaisang dilo ka yone le e puso e dirang dilo ka yone: “Puso e ka nna ya iphitlhela e gataka Molaotheo wa Naga o o nayang batho le dikereke tetla ya go dira dilo go ya ka tsela e ba bonang di tshwanela ka yone.” Puso “ga ya tshwanela go itshunya nko mo dikgannyeng tsa bodumedi le mo dilong tse batho ba di dumelang.”

Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ne ya nopola mafoko a a mo website ya Basupi ba ga Jehofa a a tlhalosang gore Basupi ba tsaya dikopano tsa bone e le malatsi a boikhutso. Kgotlatshekelo eno e ne ya tlhalosa gore Lefapha la Thuto “ga le a ka la tlotla tshwanelo ya ngwana ya go itlhophela bodumedi . . . le ya batsadi . . . ya go ruta ngwana ka bodumedi jwa bone.” Kgotlatshekelo e ne ya swetsa ka go re Lefapha “le ne le sa tshwanela go itshunya nko mo dilong tsa bodumedi.”

“Fa kereke e na le tiragalo nngwe e e kgethegileng, seno ke lebaka le le utlwalang la gore bana ba se ka ba ya sekolong ka nako eo.”—Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya kwa Hess

Botlhokwa Jwa Thuto

Batsadi ba ga Vivienne ba ne ba bua jaana fa ba sena go utlwa katlholo ya kgotlatshekelo: “Rona Basupi ba ga Jehofa re tsaya thuto e le botlhokwa thata e bile re leka go ruta bana ba rona go e rata. Gape re tseela Baebele kwa godimo thata ka gonne e thusa bana ba rona go rata Modimo le go nna ditsala tsa gagwe e bile e ba thusa go nna bana ba ba ratang batho le ba ba akanyetsang ba bangwe. Re leboga kgotlatshekelo ka tshwetso eno.”

Armin Pikl yo e leng mmueledi wa ba lelapa loo Falcones a re: “Kgotlatshekelo e lemogile gore dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa di botlhokwa fela thata e bile e thusitse go tlhomamisa tshwanelo e batsadi ba nang le yone ya go ruta bana ba bone ka bodumedi jwa bone. Katlholo eno e tla thusa bana ba Basupi ba ga Jehofa gore ba nne le tshono ya go ya dikopanong. Re solofela gore dikgotlatshekelo tsa dinaga tse dingwe di tla akanyetsa dintlha tsa kgetsi eno fa di lebana le seemo se se tshwanang kwa dinageng tsa bone.”

^ ser. 5 Dikopano tsa tikologo tse pele di neng di bidiwa dikopano tsa kgaolo di tshwarwa ngwaga le ngwaga ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Kwa dikopanong tseno, bana le bagolo ba rutwa kafa ba ka dirisang melaometheo ya Baebele ka gone mo matshelong a bone.