Fetela kwa tshedimosetsong

MOTSHEGANONG 1, 2013
Germany

Puso ya Jeremane e Naya Mosupi wa ga Jehofa Sekgele sa Tlotlo

Puso ya Jeremane e Naya Mosupi wa ga Jehofa Sekgele sa Tlotlo

SELTERS, Jeremane—Ka Tlhakole 22, 2013, Tonakgolo ya Bavaria e bong Horst Seehofer o ne a naya Mathilde Hartl, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa Sekgele sa Tlotlo. Sekgele sa Tlotlo ke sengwe se se tlhwatlhwakgolo se Federal Republic of Germany e se nayang batho ka ntlha ya dilo tse ba di diretseng setšhaba.

Mmè Hartl, yo o nnang kwa Bavaria, o ne a newa sekgele seno ka go bo a ile a tlhokomela morwawe wa dingwaga di le 26 e bong Martin, yo o sa itekanela sentle mo mmeleng. Fa Martin a sa le monnye, go ne ga lemogiwa gore o na le bolwetse jwa Duchenne muscular dystrophy (DMD), e leng bolwetse jo bo senyang le go koafatsa ditshika tsa mmele. Ka ntlha ya seo, Mmè Hartl o tshwanelwa ke go nna a tsoga gangwe le gape bosigo go mo tlhokomela, mo go akaretsang go ela tlhoko gore o hema sentle le go tlhomamisa gore ga a kgangwe ke diedi mo go ka felelang ka gore a tshwarwe ke pneumonia kgotsa malwetse a mangwe. Morwawe yo mongwe, e bong Max, le ene o tshwerwe ke DMD e bile ga a itekanela sentle mo mogopolong. Mmè Hartl o ne a tlhokomela Martin le Max ka lorato ka dingwaga tse dintsi. Ka maswabi, Max o ne a tlhokafala ka 2008, a na le dingwaga di le 19.

Fa Mmè Hartl a bodiwa gore o bona kae nonofo ya go tlhokomela bana ba gagwe jalo, o ne a re: “Ke thusiwa ke bodumedi jwa me. E re ka ke le Mosupi wa ga Jehofa, ke tlotla botshelo fela thata. Ke batla go dira sotlhe se nka se kgonang go thusa morwaake gore a itumelele botshelo le fa e le sekoa.”

Tonakgolo Seehofer o ne a akgola Mmè Hartl le batho ba bangwe ba ba neng ba amogela dikgele jaana: “Mongwe le mongwe wa lona o dirile gore lefatshe e nne lefelo le le botoka.”

Media Contacts:

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Germany: Wolfram Slupina, tel. +49 6483 41 3110