Fetela kwa tshedimosetsong

DIPHALANE 9, 2013
Germany

Sefikantswe sa Mosupi yo o Falotseng go Gailwa ga Batho Kwa Jeremane se a Kgakolwa

Sefikantswe sa Mosupi yo o Falotseng go Gailwa ga Batho Kwa Jeremane se a Kgakolwa

SELTERS, Jeremane—Ka Seetebosigo 21, 2013 kwa Lautertal-Reichenbach, go ne ga kgakolwa sefikantswe sa go tlotla moswi Max Liebster, Mosupi wa ga Jehofa yo o neng a fetsa dingwaga di le tlhano a tshwerwe kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi. Rratoropo le badiredibagolo bangwe ba mo motseng ba ne ba kgakola sefikantswe seo kwa moletlong o go neng go laleditswe baagi le mosadi wa moswi Rre Liebster, e bong Simone Liebster, yo le ene e leng Mosupi wa ga Jehofa.

E re ka Rre Liebster e ne e le Mojuda yo o neng a nna kwa Jeremane ka nako ya puso ya ga Hitler ya Bonasi, o ne a tshwarwa ke masole a Gestapo ka 1939, go tswa foo a isiwa kwa dikampeng tse tlhano tse di farologaneng tsa pogisetso: Sachsenhausen, Neuengamme, Auschwitz, Buna le Buchenwald. Ba lelapa la gagwe ba le robedi ba ne ba swela mo dikampeng. Mongwe wa bone e ne e le rraagwe, yo Max a neng a rwala setopo sa gagwe a se isa kwa lefelong le ditopo di fisediwang kwa go lone kwa Sachsenhausen.

Fa Rre Liebster a le kwa dikampeng tsa pogisetso, o ne a tlwaelana le magolegwa ka ene a e neng e le Basupi ba ga Jehofa. Fa a sena go gololwa ka 1945, o ne a kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa. Sengwe sa dikwalelo tsa boronse tse di manegilweng mo sefikantsweng sa gagwe se ne se re, Rre Liebster o ne a na le tumelo “e e neng e [mo] naya nonofo le keletso ya go tshela.” O ne a tshela go fitlha a nna dingwaga di le 93 pele a tlhokafala ka 2008.

Mo taletsong ya moletlo wa go kgakolwa ga sefikantswe go ne go kwadilwe gore Rre Liebster “o ne a tlhatswegile pelo gore go tshela ka melao ya Bokeresete go ka dira gore batho ba tshele botshelo jo bo botoka.” Wolfram Slupina, mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane a re: “Re itumelela go gopolwa ga bopelokgale jo bo bontshitsweng ke mongwe wa badumedi ka rona, ba ba neng ba tswelela ba ikanyega le fa ba lebane le pogiso ka ntlha ya bodumedi jwa bone. Ruri sefikantswe seno ke bosupi jwa kafa molaetsa wa Baebele wa kagiso le kutlwano, o Basupi ba ga Jehofa ba lekang ka natla go o latela, o leng maatla ka gone.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Germany: Wolfram Slupina, tel. +49 6483 41 3110