Fetela kwa tshedimosetsong

MAY 15, 2017
Haiti

Tiro ya Namolo Kwa Haiti e Tloga e Wediwa

Tiro ya Namolo Kwa Haiti e Tloga e Wediwa

Badiri ba komiti ya namolo ba tsenya marulelo a ntlo eno.

PORT-AU-PRINCE, Haiti—Naga ya Haiti e ile ya itewa ke setsuatsue se se bidiwang Matthew mme go tlhalosiwa fa setsuatsue seo se ne se le maatla thata go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa itaya naga eo mo dingwageng tse 50 tse di fetileng. Ka October 4, 2016, setsuatsue seo se ile sa baka tshenyo e e fetang e ileng ya bakwa ke thoromo ya lefatshe ya 2010. Ka October 24, 2016, website ya jw.org e ile ya bega gore kwa tshimologong Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thusa ka dijo, melemo le ditente. Mme fa ba lemoga gore tshenyo e setsuatsue se neng se e bakile e ne e le kgolo thata, ba ile ba rulaganya dikomiti di le tharo tsa namolo gore di tlhomamise gore ditlhopha di le 14 tsa go aga di simolole go baakanya matlo a ka nna 203 a a neng a senyegile. Go dirilwe dithulaganyo tsa gore tiro eno e wediwe ka June 2017.

Daniel Lainé yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa ofising ya lekala e e kwa Port-au-Prince a re: “Boikaelelo jwa rona ka porojeke eno ke go thusa badumedi mmogo le rona ba matlo a bone a ileng a senngwa ke setsuatsue seno.” Mme eo e ile ya nna namane e tona ya tiro. Rre Lainé a re mathata a ile a bakwa ke go senyega ga dipale tsa difouno le ditsela. Ka April 20, Basupi ba ne ba feditse go baakanya matlo a le 96 mme go na le a le 30 a ba neng ba sa ntse ba tshwaregile ka one.

Smith Mathurin yo o emelang baagi ba Paillant le ba Petite Rivière de Nippeso kwa palamenteng.

Badiredipuso ba leboga Basupi ka ntlha ya tiro ya bone. Smith Mathurin yo o emelang baagi ba Paillant le ba Petite Rivière de Nippeso kwa palamenteng a re: “Le fa tiro e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa e le go rera dikgang tse di molemo, ba ile ba thusa batho ka dilo tse ba di tlhokang.” Gape a re: “Ke leboga tiro e ileng ya dirwa ke Basupi ba ga Jehofa ka go thusa batho ka nako ya Setsuatsue sa Matthew. Lo ile lwa lemoga gore sengwe se tlhoka go dirwa mme ga lo a ka lwa nna fela lo sa dire sepe ka gone.”

Moemedi wa ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Haiti a bontshiwa marulelo a masha.

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se rulaganya tiro ya namolo go tswa kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya kwa Warwick, New York, se dirisa meneelo e e ntshiwang go tshegetsa tiro ya go ruta batho Baebele.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa Ntlokgolong: David A. Semonian wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Haiti: Daniel Lainé mo nomorong ya +509-2813-1560