Fetela kwa tshedimosetsong

NGWANATSELE 12, 2013
Japan

Setsokotsane Wipha se Itaya Japane

Setsokotsane Wipha se Itaya Japane

Ka Diphalane 16, 2013, Setsokotsane Wipha se ne sa itaya lotshitshi lo lo kwa botlhaba jwa Japane. Setlhaketlhake se sennye sa Oshima, se se dikilometara di ka nna 120 go tswa kwa borwa jwa Tokyo e ne e le lengwe la mafelo a a ripitlilweng ke setsokotsane seo. Sefefo seno se bakile dipula tsa matsorotsoro tse di neng di elela ka metsi a boteng jwa disentimetara di ka nna 84 mme tsa penolola dinoka, tsa baka go gosomana ga seretse le go bolaya batho ba ka nna 35. Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Japane e ne ya tlhomamisa gore ga go Mosupi ope mo phuthegong ya Oshima yo o suleng kgotsa yo o gobetseng. Lelapa lengwe la Basupi le ne la senyegelwa ke marulelo a ntlo mme maloko a phuthego a ne a ba thusa go a baakanya. Basupi ba mo lefelong leo ba ne ba thusa le baagelani ba bone ka dilo tse ba di tlhokang le go ba gomotsa ka dilo tsa semoya.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Japan: Shiro Hayasaki, tel +81 46 233 0005