Fetela kwa tshedimosetsong

APRIL 24, 2017
Japan

Basupi ba Ithaopela go Baakanya Matlo a Feta 300 Morago ga Dithoromo Tsa Lefatshe Kwa Japane

Basupi ba Ithaopela go Baakanya Matlo a Feta 300 Morago ga Dithoromo Tsa Lefatshe Kwa Japane

Basupi ba baakanya marulelo a ntlo kwa Koshi.

EBINA, Japane—Basupi ba ga Jehofa ba kwa Japane ba baakantse matlo a le 348 a badumedi mmogo le bone a a ileng a senngwa ke dithoromo tsa lefatshe tse di ileng tsa direga kwa Kumamoto, kwa Japane ka di 14 le di 16 tsa April 2016. Go ne go tlile baithaopi ba ka nna 15 000 mme ba simolotse tiro ka July 2016 le go e wetsa ka March 2017.

Basupi ba ka nna 119 ba ne ba tshwanelwa ke go tswa mo magaeng a bone ba tshaba le fa go ne go se ope wa bone yo o gobetseng. Fa baithaopi ba ntse ba phepafatsa matlo a Basupi bano, bone ba ne ba nna mo mafelong a kobamelo kgotsa Diholo Tsa Bogosi di le 15.

Baithaopi ba le barataro ba tsenya marulelo a ntlo kwa toropong ya Chimachi.

Go tloga ka July 25, 2016, baithaopi ba Basupi ba ile ba simolola go baakanya mabota, marulelo le diphaepe tsa metsi mo matlong a a neng a sentswe ke dithoromo tsa lefatshe. Gape ba ile ba baakanya ditswalo, difensetere le difetlhamowa.

Baithaopi ba baakanya ntlo kwa toropong ya Mashiki.

Rre Minoru Kono yo o neng a bereka mo Lefapheng la Bosole la Japane o ne a bua jaana ka tiro e e neng e dirwa ke Basupi: “Mo tirong e ke e dirang, go dira dilo ka potlako ke selo se se gatelelwang thata fa o batla go boloka matshelo a batho. Seo ke se se ileng sa dirwa ke Basupi ba ga Jehofa morago ga thoromo ya lefatshe ya kwa Kumamoto, ba ile ba itlhaganelela go ya kwa mafelong a a wetsweng ke masetlapelo. Mme fa Basupi ba simolola tiro ya go namola batho, ke ne ke gamaregile tota ka gonne ke ne ke sa bone bomaithutwana, go na le moo ke ne ke bona badiri ba ditswerere ba ba tswang mo dikarolong tse di farologaneng tsa Japane go tla go thusa. Basupi ke batho ba ba berekang ka pelo yotlhe le ka manontlhotlho.”

Baithaopi ba ntsha dithaele tsa marulelo a a senyegileng mme ba tsenya tse disha kwa Kikuchi.

Basupi ba tsenya konkereite mo ntlong gore ba tle go e dirisa mo motheong wa ntlo e ba tlileng go e aga kwa Uki.

Ichiki Matsunaga yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Japane a re: “Mo dikgweding tse di fetileng, re kgonne go thusa batho ba ba neng ba wetswe ke masetlapelo a thoromo ya lefatshe kwa Kumamoto gore ba baakanye matlo a bone. Tsela e badumedi ka rona ba ileng ba re thusa ka yone ka nako eno ya masetlapelo e re kgothaditse thata e bile e re neile maatla.”

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa ntlokgolong: David A. Semonian, wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Japane: Ichiki Matsunaga mo nomorong ya +81-46-233-0005