Fetela kwa tshedimosetsong

MAY 17, 2017
Kazakhstan

Kazakhstan e Atlhola Mosupi wa ga Jehofa yo o Lwalang Le go Mo Thibela go Direla Modimo

Kazakhstan e Atlhola Mosupi wa ga Jehofa yo o Lwalang Le go Mo Thibela go Direla Modimo

ALMATY, Kazakhstan—Ka May 2, 2017, kgotlatshekelo ya Astana kwa Kazakhstan e ne ya atlholela Teymur Akhmedov dingwaga di le tlhano mo kgolegelong ka gonne a ne a ruta batho Baebele. Kgotlatshekelo eno ya re o ne a “tlhotlheletsa batho gore ba tlhoe madumedi a mangwe” le gore “o ne a dira gore bodumedi jwa gagwe bo lebege bo le botoka mo a mangwe.” Mo godimo ga moo, moatlhodi o ne a ntsha katlholo ya gore mo dingwageng tse tharo tse di latelang, Rre Akhmedov a se ka a fitlhelwa a ruta batho ba bangwe Baebele. Rre Akhmedov o na le dingwaga di le 61 e bile o na le mosadi le bana ba basimane ba le bararo mme tshwetso eno e ka nna le diphelelo tse di botlhoko mo go ene ka gonne o na le bolwetse jo bo kotsi thata jo bo mo tlhokang gore a bone ngaka ka bonako mme mapodise a gana go mo letla go newa kalafi e a e tlhokang. Rre Akhmedov o tla ikuela kgatlhanong le tshwetso eno. Go ka nna ga direga gore kgotlatshekelo e reetse kopo ya gagwe ka May kgotsa ka June.

Mathata a ga Rre Akhmedov a ne a simologa ka January 18, 2017, fa Komiti ya Tshireletsego ya Bosetšhaba ya Kazakhstan e mo tshwara le go mo latofatsa gore o tlola Molawana 174(2) o o kgatlhanong le ditiro tsa bokebekwa kwa Kazakhstan. Rre Akhmedov o ne a tsenngwa mo kgolegelong dikgwedi di le dintsi mme mapodise a ne a gana gore a bone dingaka. David A. Semonian yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa ntlokgolong a re: “Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tshwenyegile tota ka botsogo jwa ga Teymur. Re solofela fa kgotlatshekelo e tla tsholola kgetsi eno le go letla monna yono yo o ikobelang molao wa naga gore a boele kwa lelapeng la gagwe le go newa kalafi e a e tlhokang.”

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore tshwetso ya kgotlatshekelo ya Astana e bontsha gore naga ya Kazakhstan e batla go bogisa Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya dilo tse ba di dumelang mme seno se tshwana le se Russia e se dirileng, segolobogolo ka tshwetso ya bosheng e e ileng ya dirwa ke Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Russia ya go tswala Ofisi ya Basupi ba ga Jehofa kwa Russia. Semonian a re: “Fela jaaka go diragetse kwa Russia [ka Basupi ba ga Jehofa], [Kazakhstan] e dirisa molao o o kgatlhanong le borukhutlhi ka tsela e e sa siamang go latofatsa Teymur Akhmedov. Mekgatlho e e jaaka Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya United Nations le Komishene ya United States e e Dirang ka Dikgang Tsa Bodumedi di kopile Kazakhstan gore e tlogele go dirisa molao ono ka tsela e e sa siamang go bogisa batho ba ba se nang molato.” Gape o ne a re: “Re tshwenyegile thata ka badumedi mmogo le rona ba kwa Kazakhstan ba re solofelang gore ga ba kitla ba lebana le boemo jo bo tshwanang fa ba dira tiro ya go ruta batho Baebele e go itsiweng gore e thusa batho ba le bantsi. Re kgatlhegela go bona gore kgetsi eno e tla fela jang.”

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa Ntlokgolong: David A. Semonian mo Ofising ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Kazakhstan: Bekzat Smagulov mo nomorong ya +7-747-671-45-01