Fetela kwa tshedimosetsong

MAY 3, 2017
Kazakhstan

Kazakhstan e Gataka Ditshwanelo Tsa ga Teymur Akhmedov Ka go Mo Isa Kgolegelong

Kazakhstan e Gataka Ditshwanelo Tsa ga Teymur Akhmedov Ka go Mo Isa Kgolegelong

Ka May 2, 2017, kgotlatshekelo ya kwa Astana e ile ya atlholela Teymur Akhmedov dingwaga di le tlhano mo kgolegelong ka gonne a ne a bua le ba bangwe ka dilo tse a di dumelang. Ke Mosupi wa ntlha kwa Kazakhstan go bonwa molato ka ntlha ya bodumedi jwa gagwe fa e sa le naga eo e simolola go ipusa ka 1991.

Rre Akhmedov o feditse dikgwedi di le tharo a le mo kgolegelong a letetse go seka le fa gone mekgatlho ya boditšhabatšhaba e ne e leka go mo buelela gore a letele tsheko a le kwa gae e seng mo kgolegelong. Rre Akhmedov yo o nang le dingwaga di le 61 o na le mosadi le bana ba bararo ba basimane e bile o lwala thata.

O Atlholelwa go Bua ka Dilo Tse a di Dumelang

Mathata a ga Rre Akhmedov a ne a simolola ka January 2017 fa masole a sephiri a Kazakhstan a a bidiwang KNB a ne a mo tshwara ka ditatofatso tsa gore o tlodile karolo 2 ya Molawana 174. Mapodise a re o ne a “rotloetsa batho ba bangwe gore ba tlhoe madumedi a mangwe” fa a ne a bua le bone ka dilo tse a di dumelang.

Moatlhodi Talgat Syrlybayev a re dilo tse Rre Akhmedov a neng a di bua di bontsha gore o ne a “rotloetsa dikgotlhang fa gare ga madumedi” le gore o ne a “ruta batho gore ba ipone ba le botoka mo go ba bangwe ka ntlha ya bodumedi jo ba leng mo go jone.” Gape moatlhodi o ne a ntsha katlholo ya gore mo dingwageng tse tharo tse di latelang, Rre Akhmedov a se ka a fitlhelwa a “bua le batho ka dilo tse a di dumelang,” ka mantswe a mangwe, o ne a thibetswe go obamela Modimo ka tsela e a e batlang.

Philip Brumley yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a re: “Puso ga e latele molao ka tsela e e tshwanetseng. Ka 2016, banna ba le mmalwa ba ne ba kopa Teymur gore a tle go bua le bone ka dilo tse a di dumelang. Ba ile ba ya kwa ntlong ya gagwe. Teymur o ne a sa lemoge gore ba rekota metlotlo ya bone gore ba e dirise go tlhama ditatofatso tsa maaka kgatlhanong le ene. Seno se bontsha gore puso e ikaeletse go dira sotlhe se se mo maatleng a yone go thibela bodumedi jwa rona. Eno ke tshiamololo e e botlhoko tota.”

Ba losika lwa ga Rre Akhmedov ba tshwenyegile thata ka botsogo jwa gagwe. Go belaelwa a tshwerwe ke mofuta mongwe wa kankere mme le fa go ntse jalo puso e ganne go mo golola gore a ye go letela tsheko a le kwa gae e bile ga e mo neye kalafi e a tlhokang. Babueledi ba gagwe ba butse kgetsi kwa mafapheng a a farologaneng a UN a a buelelang ditshwanelo tsa batho.

A Kazakhstan e Tla Tlotla Kgololesego ya Batho ya go Bua ka Bodumedi Jwa Bone?

Basupi ba ga Jehofa ba kwa Kazakhstan ba ile ba lebana le dikgwetlho tse dintsi fa ba dira ditiro tsa bodumedi jwa bone. Mme go tshwarwa ga ga Rre Akhmedov ke sengwe se sesha se ba neng ba sa se lebelela. Babueledi ba Basupi ba ntse ba ikuela kwa badireding ba puso gore ba tlotle ditumalano tse ba di dirileng le mekgatlho ya boditšhabatšhaba e e buelelang ditshwanelo tsa batho gore ba direle Modimo ba gololesegile.