Fetela kwa tshedimosetsong

JULY 6, 2017
Kazakhstan

Kazakhstan e Tswala Ofisi ya Basupi ba ga Jehofa

Kazakhstan e Tswala Ofisi ya Basupi ba ga Jehofa

Ka June 29, 2017, kgotlatshekelo ya Almaty kwa Kazakhstan e ile ya ntsha taelo ya gore Ofisi ya Lekala la Basupi ba ga Jehofa ya kwa Kazakhstan e duele madi le gore e tswalwe dikgwedi di le tharo. Seno se tla morago ga gore go dirwe dipatlisiso kwa Ofising eo mme go fitlhelwe gore go ne go tlhaela dikhamera tse tharo mo godimo ga tse 25 tse di neng di setse di tsentswe mo dikagong tseo. Go tlhalosiwa fa molao o laela gore lefelo le le tshwanang le lekala la Basupi le tshwanetse go nna le dikhamera di le 28, ka jalo, Basupi ba tlodile molao. Se se makatsang ke gore fa go ne go ntshiwa tetla ka February 6, 2017, badiredipuso ba ne ba setse ba bone dipolane tsa kago eno tse di neng di bontsha dikhamera tse di tsentsweng. Seno se raya gore badiredipuso ba ne ba dumela gore ofisi ya lekala e ne e dirile dilo go ya ka fa molaong.

Polat Bekzhan yo e leng modulasetulo wa Ofisi eno o ne a re: “Tshwetso eno ya go thibela tiro yotlhe ya Ofisi ya rona ga e utlwale fa re e bapisa le dilo tse re latofadiwang ka tsone. Re tla ikuela kgatlhanong le tshwetso eno e go bonalang gore e ne e tlhotlhelediwa ke go bo ba sa rate bodumedi jwa rona.”

Se Badiredipuso ba se Dirileng go Thibela Tiro ya Ofisi Eno

Mapodise a kwa Kazakhstan a bogisa Basupi ba ga Jehofa ba kwa nageng eo mme maemo a nnela maswe go ya pele. Malatsi pele Moatlhodi N. M. Pakirdinov a ntsha katlholo e re buileng ka yone fa godimo. Ka May 17 mapodise a ile a tsena ka dikgoka mo dikagong ba dira e kete go na le sengwe se se kotsi mo dikagong tseno. Ba ile ba dira seno motshegare ka taelo ya Lefapha la Tshireletsego ya Setšhaba (le pele le neng le bidiwa KGB) mme go ne go tlile mapodise a feta 30 go akaretsa le mapodise a lephata le le kgethegileng a tlhometse ka ditlhobolo. Ba ile ba re lebaka la seno ke ka gonne go tlile go nna le tiragalo nngwe e e kgethegileng mo motsemoshateng wa Astana ka June 2017.

Ka May 17, 2017, mapodise a ne a tsena mo dikagong tsa ofisi ya lekala

Ka June 23-25, 2017, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba rulagantse go tshwara kopano e e kgethegileng mme go ne go tlile Basupi ba bangwe go tswa kwa nageng ya United States, Yorupa, Ukraine, Georgia, Kyrgyzstan le dinaga tse dingwe. Badiredipuso ba ile ba leka go thibela kopano eno ka go dira gore batho ba Basupi ba neng ba hirile mafelo a go tshwarela kopano mo go one ba khansele dikonteraka tsa bone. Seo se ne sa dira gore Basupi ba le 1 500 ba ba neng ba tlile go tswa kwa dinageng tse dingwe go akaretsa le ba mo nageng eo ba tshwanelwe ke go ya go tshwarela kopano eno kwa dikagong tsa Ofisi ya Basupi.

Ka June 23, 2017, mapodise a emisa dibese tse di isang Basupi kwa kopanong

Mo letsatsing la ntlha la kopano eo, mapodise a ne a fetsa diura di le pedi a emisitse dibese di le 11 tse Basupi ba le 500 ba neng ba di dirisa go ya kopanong ba re ba dira jalo ka gonne ba batla go bona gore a bakgweetsi ba dibese tseo ba tshwere dipampiri tse di siameng. Ba ile ba dira jalo le mo letsatsing la bobedi mme ba fetsa diura di le tharo ba emisitse dibese di le 20 tse di neng di na le Basupi ba le 900.

Ofisi ya lekala e ile ya ya go ikuela kwa Ofising ya Almaty ya Mosekisi wa Setšhaba. Le fa Ofisi ya Mosekisi e sa ba araba, mapodise ga a ka a tshwenya Basupi mo letsatsing la boraro. Le fa go ntse jalo, malatsi a le manê morago ga moo, kgotlatshekelo ya Almaty e ile ya ntsha katlholo ya go emisa tiro ya Ofisi ya Lekala la Basupi.

Kazakhstan e Dirisa Molao ka Tsela E e Sa Siamang

Fa e sa le ka December 2012, puso ya Kazakhstan e ile ya thibela ditiro dingwe tsa Basupi ba ga Jehofa kwa nageng eo. Puso e ile ya laela Basupi ba ga Jehofa ba feta 60 gore ba duele madi a mantsi ka gonne gotwe ga ba na laesense ya go bua le batho ka dilo tse ba di dumelang.

Ka January 2017, puso ya Kazakhstan e ile ya bula dikgetsi tse pedi kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa ka gonne ba bolelela ba bangwe dilo tse ba di dumelang. Ka May, Teymur Akhmedov o ne a bonwa molato mme ga jaana o atlholetswe dingwaga di le tlhano mo kgolegelong. Mo kgetsing e nngwe, mapodise a batlisisa Mosupi mongwe mme ba mo latofatsa ka gore o dira gore batho ba tlhoe madumedi a mangwe le gore o naya batho dikgatiso tse puso ya Russia e reng di kotsi mo setšhabeng.

A Kazakhstan e Tla Dira se Russia e se Dirileng ka Basupi ba ga Jehofa?

Basupi ba lekile makgetlo a le mmalwa go bua le Komiti e e Berekang ka Dilo Tsa Bodumedi mme maiteko a bone a iteile se fololetse. Mme gone, Ofisi ya Mosekisi wa Setšhaba e ile ya kopa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa Kazakhstan gore e reetse kgetsi ya Mosupi mongwe yo o bidiwang Andrey Korolyov yo o neng a bonwa molato ka gonne a ne a bua le ba bangwe ka dilo tse a di dumelang. Ka June 1, 2017, Kgotlatshekelo eo ga ya ka ya bona Rre Korolyov molato mme e ile ya tlhalosa gore o ne a na le kgololesego ya go bua ka bodumedi jwa gagwe. Le fa Ofisi ya Mosekisi wa Setšhaba e ile ya solofetsa Basupi gore e tla bolelela dikgotlatshekelo tsotlhe ka tshwetso eno, dikgotlatshekelo tse dingwe di sa ntse di gana go amogela tshwetso eo mme di tswelela ka go sekisa Basupi ba ga Jehofa ka ditatofatso tsa gore ga ba na laesense ya go bolelela ba bangwe ka dilo tse ba di dumelang.

Mongwe wa babueledi ba Basupi ba ga Jehofa e bong Gregory Allen o ne a re: “Go swabisa tota go bona gore Kazakhstan e dira se Russia e se dirileng ka go dirisa ditatofatso tsa maaka go kgoreletsa tshwanelo ya batho ya go direla [Modimo] ka kgololesego. Re tshaba gore tshwetso e e dirilweng ka June 29 ya go thibela tiro ya ofisi ya Basupi e ka nna le diphelelo tse di sa siamang, ke ka moo re tlileng go ikuela kgatlhanong le yone.”

Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tshwenngwa ke dilo tse puso ya Kazakhstan e di dirang go leka go thibela badumedi ka bone ka gonne seo se tshwana le se se diragalang kwa Russia.