Fetela kwa tshedimosetsong

JANUARY 26, 2017
Kazakhstan

Badiredi ba Puso ya Kazakhstan ba Tshwara Mosupi ka Ditatofatso Tsa Maaka

Badiredi ba Puso ya Kazakhstan ba Tshwara Mosupi ka Ditatofatso Tsa Maaka

Ka January 18, 2017, badiredi ba Komiti ya Tshireletsego ya Setšhaba ya Kazakhstan ba ile ba tshwara Teymur Akhmedov mme ba mo isa kgolegelong ka gonne a ne a bua le batho ka bodumedi jwa gagwe. Ka May le June 2016, banna ba le supa ba ne ba kopa Teymur gore a tle kwa foleteng ya bone go tla go ba tlhalosetsa ka dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang. Fa nako e ntse e ya, ba ile ba ya go tshwarela metlotlo ya bone kwa ntlong ya ga Teymur. Nako eno yotlhe banna bano ba ba neng ba itira e kete ba batla go ithuta Baebele ba ne ba rekota metlotlo eno mo sephiring.

Le fa go ne go se na sepe se se phoso ka metlotlo eo, Teymur o ile a latofadiwa ka gore o “lotlhaganya madumedi” e bile o “dira gore batho ba akanye gore [bodumedi jwa gagwe] bo botoka go na le a mangwe.” O na le malatsi a le 60 a letile mo kgolegelong mme fa a ka bonwa molato, o ka nna a ya go fetsa dingwaga di le tlhano go ya go di le lesome mo kgolegelong.

Teymur ke monna yo o nyetseng wa dingwaga di le 60 mme o a lwala. Babueledi ba gagwe ba lebeletse gore kgotlatshekelo e tla reetsa boikuelo jwa gagwe ka beke ya January 23, 2017.