Fetela kwa tshedimosetsong

DIPHALANE 14, 2013
Kenya

Go Tlhaselwa ga Batho Kwa Mmolong Kwa Kenya

Go Tlhaselwa ga Batho Kwa Mmolong Kwa Kenya

Ka Matlhatso, Lwetse 21, 2013, boratlhobolo ba ne ba tlhasela mmolo mongwe kwa Nairobi, Kenya, ba bolaya batho ba ka nna 67 mme ba ka nna 175 ba gobala. Ofisi ya Lekala ya Basupi ba ga Jehofa e bega gore Basupi ba ga Jehofa ba le mmalwa ba ne ba le mo mmolong ono ka nako ya tlhaselo, mme ba kgona go falola ba sa gobala. Josphat Makori, mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Kenya, a re: “Tlhaselo eno e utlwisitse botlhe botlhoko. Re lela le ba ba wetsweng ke masetlapelo ano. Re leka ka natla go gomotsa baagelani ba rona ka dilo tsa semoya le go ba thusa ka tse ba di tlhokang mo nakong eno e e thata.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Kenya: Josphat Makori, tel +254 20 387 3211