Fetela kwa tshedimosetsong

MARCH 30, 2017
Peru

Merwalela Kwa Peru

Merwalela Kwa Peru

Dipula tse di maatla di bakile merwalela e bile di dirile gore mmu le maje a we go tswa mo dithabeng kwa dikgaolong di le 24 tsa naga ya Peru mme go lebeletswe gore maemo ano a tla tswelela. Pula e ile ya na thata ka paka eno (December go ya go March) mme seo se bakile merwalela e mentsi thata. Basupi ba ga Jehofa ba thusa badumedi ka bone le batho ba bangwe ba ba wetsweng ke masetlapelo ka ntlha ya merwalela eno.

Merwalela eno e ile ya senya matlo a feta 530 a Basupi ba ga Jehofa mmogo le Diholo Tsa Bogosi di le thataro (kgotsa mafelo a ba kopanelang mo go one). Go begwa gore Basupi ba le bantsi ba gaeletswe mo marulelong a matlo a bone kwa motseng wa Huarmey o o dikilometara di le 288 go tswa kwa Lima.

Ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Peru e tlhomile dikomiti tsa namolo di le robedi go tlhokomela Basupi ba ba mo mafelong a a wetsweng ke merwalela, go akaretsa le dikgaolo di le 12 tse puso e di bitsang mafelo a a tlhokang thuso ya potlako. Dikomiti tseno di setse di isitse dijo le metsi kwa mafelong ao. Mo dibekeng tse di tlang, go tla romelwa metsi le dijo tse dingwe. Basupi ba kwa Peru ba ithaopetse go thusa go phepafatsa le go baakanya mafelo a a senyegileng.

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se se kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi se dirisa meneelo e e ntshediwang go tshegetsa tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe go rulaganya tiro ya namolo.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa Ntlokgolong: David A. Semonian, wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Peru: Norman R. Cripps, mo nomorong ya +51-1-708-9000