Fetela kwa tshedimosetsong

MOTSHEGANONG 10, 2013
Slovakia

Basupi ba ga Jehofa ba Fetsa Dingwaga di le 100 Kwa Slovakia

Basupi ba ga Jehofa ba Fetsa Dingwaga di le 100 Kwa Slovakia

BRATISLAVA, Slovakia—Basupi ba ga Jehofa kwa Solvakia ba ne ba laletsa batho kwa ofising ya bone ya lekala ka Sedimonthole 15, 2012 go ikgopotsa dingwaga di le 100 tsa tiro ya bone ya go ruta Baebele mo nageng eo. Ba ne ba ya kwa matlong a batho ba ba nnang gaufi le lekala go ya go ba laletsa. Batho ba feta 200 ba ne ba nna gone, mme go ne ga bontshiwa ditshwantsho di le lesome tse di bontshang dilo tsa botlhokwa tse Basupi ba di fitlheletseng kwa Slovakia.

Ka 1912, baemedi bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go ruta batho Baebele phatlalatsa kwa Slovakia. Ka 1991, Basupi ba ne ba golola thanolo e e nepileng le e e balegang motlhofo ya Baebele ka Se-Slovakia. Ofisi ya lekala e e kwa Bratislava e okametse tiro ya ditlhopha tse tlhano tsa thanolo tsa kwa Slovakia. Tiro ya thanolo e akaretsa go ranola Puo ya Diatla ya Slovakia le dipuo tsa Eastern Slovak Roma le Olah Roma. Dikgatiso le Dibaebele tsotlhe tse di gatisiwang ke Basupi ga di rekisiwe. Gone jaanong, beke nngwe le nngwe Basupi ba feta 11 000 kwa Slovakia ba tshwara dithuto tsa mahala tsa Baebele di feta 3 400, mme ba thusa batho ba dingwaga tsotlhe gore bone le ba malapa a bone ba itumele.

Mo diphuthegong tsotlhe di le 160 tse di mo nageng eno, go tshwarwa dipokano tse go ithutiwang Baebele mo go tsone, mme mongwe le mongwe o lalediwa gore a nne gone mo thutong eno ya mahala ya Baebele. Gape Basupi ga ba bolo go nna ba tshwara dikopano ngwaga le ngwaga mme ya ntlha e ne e tshwerwe ka 1923. Ka 2006, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwere kopano e e kgethegileng kwa Bratislava mme go ne go na le batho ba ba fetang 10 700 mo go yone, go akaretsa ba le 3 600 ba ba tswang kwa Czech Republic, Hungary le kwa Romania.

Rastislav Eliaš, yo e leng moemedi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Slovakia, a re: “Mo dingwageng di le 100 tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa mo Slovakia ba ntse ba itsege e le batho ba ba kagiso, ba ba ikanyegang mme ba dirisana sentle le ba masika a bone le batho ba bangwe. Re tla nna re dira ka natla go thusa baagelani ba rona gore ba solegelwe molemo ke thuto ya Baebele, fela jaaka le rona re leka go dira gore e re solegele molemo.”

Media Contacts:

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Slovakia: Rastislav Eliaš, tel. +421 2 49107611