Fetela kwa tshedimosetsong

FERIKGONG 15, 2013
South Korea

Korea Borwa: Tshwetso ya Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng

Korea Borwa: Tshwetso ya Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng

E re ka Korea Borwa e gatakile ditshwanelo tsa Basupi ba ga Jehofa, ka Diphalane 25, 2012, Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e laetse gore e duele batho ba le 388 ba ba neng ba gana go tsenela bosole ka ntlha ya tumelo ya bone. Gape Korea Borwa e ne ya laelwa gore e phimole direkoto tse di ba latofatsang ka tlolomolao. Kgotlatshekelo e ne ya dira tshwetso e e tshwanang le e e dirilweng ka Mopitlwe 24, 2011, e e neng ya buelela Basupi ba le 100 ba kwa Korea ba le bone ba neng ba tsentswe mo kgolegelong ka go bo ba ganne go tsenela bosole. Mmueledi wa Basupi e bong Dae-il Hong a re: “Ditshwetso tseno di pateletsa Korea Borwa gore e golole basha ba Basupi ba kwa Korea ba le 733 ba ga jaana ba leng mo kgolegelong.”

Media Contacts:

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Republic of Korea: Dae-il Hong, tel. +82 10 3951 0835