Fetela kwa tshedimosetsong

SEETEBOSIGO 16, 2014
South Korea

Baatlhodi ba Tshwenngwa ke Segakolodi fa ba Itlhokomolosa Digakolodi Tsa ba Bangwe

Baatlhodi ba Tshwenngwa ke Segakolodi fa ba Itlhokomolosa Digakolodi Tsa ba Bangwe

Moatlhodi yo o okametseng Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Suwon o ne a lela fa a ne a atlholela Chang-jo Im wa dingwaga di le 21 go ya kgolegelong ka ntlha ya go bo a sa tsenele bosole. Le fa mo letsatsing leo moatlhodi yono a kgonne go atlhola mo dikgetsing tse dingwe di le tlhano kwantle ga go tshwenyega, tshiamololo mo kgetsing eno e ne ya dira gore a tsholole dikeledi. E re ka go ne go se na sepe se a ka se dirang, o ile a atlholela lekawana leno, le e leng Mosupi wa ga Jehofa, dikgwedi di le 18 mo kgolegelong.

Kgwedi le kgwedi baatlhodi ba kwa Korea Borwa ba lebana le boemo jo bo tshwanang. Mo kgotlatshekelong, lekawana lengwe le bolela gore le ka se tsenele bosole ka ntlha ya segakolodi mme fela jaaka go tlwaelegile, moatlhodi o mo atlholela go ya kgolegelong dikgwedi di le 18 go sa kgathalesege gore maemo a lekawana leo ke afe. Moatlhodi Young-sik Kim o ile a bua jaana fa a ne a dira tshwetso malebana le lekawana le le sa tseneleng bosole: “Baatlhodi ga ba akanye gore ba a bo ba ‘atlhola dikebekwa’ fa ba atlhola batho ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi.” Tsela e a neng a ikutlwa ka yone e ne ya dira gore a simolole go belaela molao wa puso o o pateletsang batho go tsenela tirelo ya bosole le gore a go tshwanetse ga dirisiwa molao oo go atlhola batho ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi.

Korea Borwa e gana go tlotla ditshwanelo tsa batho ba ba sa tseneleng bosole mme ga e na mefuta e mengwe ya tirelo setšhaba e batho bano ba ka e dirang. Baatlhodi ba kwa Korea Borwa ga ba kgone go itlhokomolosa molao oo mme ba tshwanetse go nna ba atlhola batho ba ba sa tseneleng bosole jaaka e kete ke dikebekwa. Gape baatlhodi ba a itse gore Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya UN e ile ya atlhola dikgetsi di le mmalwa tse di tshwanang le tseno—tse di akaretsang makawana a le 501—tse mo go tsone go neng go twe Korea Borwa e gataka maitlamo a boditšhabatšhaba ka go sa tlotle ditshwanelo tsa batho tsa konokono mme ba sekisa le go tsenya ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi mo kgolegelong. Ka ntlha ya seno, baatlhodi ba le bantsi ba fitlhela go le thata fa ba tshwanetse go atlholela makawana a Bakeresete go ya kgolegelong ka ntlha ya go bo segakolodi se sa ba letle go tsenela bosole.

Gone jaanong, baatlhodi ba le barataro ba kgotlatshekelo ya kgaolo ba rometse dikgetsi tsa batho ba ba sa tseneleng bosole kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo ya Korea Borwa ntswa bosheng jaana ka 2011, Kgotlatshekelo eo e ile ya dira tshwetso ya gore go tsenela bosole go nne ka fa molaong. Gape ditshwetso tsa baatlhodi di ne di tlhalosa dilo dingwe tse ba amegileng ka tsone.

Se baatlhodi bangwe ba ileng ba se bua malebana le . . .

  • Gore a go siame go golega motho yo segakolodi sa gagwe se sa mo letleng go tsenela ntwa

    “Boikaelelo jo bogolo jwa go bo Molaomotheo o sireletsa tshwanelo ya motho ya go itlhophela ke go sireletsa segakolodi sa motho yoo, e leng se se dirang gore motho a nne le seriti. . . . Le fa batho ba le bantsi ba sa dumalane le tshwetso ya bone ya go sa tsenele bosole, go tla nna thata go dumela gore tshwetso ya bone e tshwana le go itomolola gotlhelele mo setšhabeng kgotsa go nna kgatlhanong le setšhaba mme motho yo o ntseng jalo o tshwanelwa ke go atlholwa jaaka sekebekwa.”–Moatlhodi Hye-won Lim, Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Suwon, Tlhakole 21, 2013, 2012Chogi2381.

    “Selo sa botlhokwa se se bopang botho jwa motho ke tshwetso e a e dirang ya gore o tla dirisana jang le batho ba bangwe . . . [le] go amega thata ka ‘boleng jwa botshelo jwa motho.’ Gape e ama tshwetso ya go se bolaye motho ope fela, tota le e leng go nna le seabe mo ntweng. Fa batho [ba ba dirileng] tshwetso e ntseng jalo ba patelediwa go tsenela bosole kgotsa go tshola dibetsa mme go diragale gore ba otlhaiwe nako le nako fela fa ba gana go dira ditiro tse di ntseng jalo, seo ke go sa dumalane le ditshwanelo tsa bone le se ba leng sone. Tota seo ke go gataka ditshwanelo tsa bone.–Moatlhodi Young-hoon Kang, Kgotlatshekelo ya Kgaolo e e kwa Bokone jwa Seoul, Ferikgong 14, 2013, 2012Chogi1554.

  • A go tlotla tshwanelo ya batho ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi go ka tsenya tshireletsego ya setšhaba mo kotsing?

    “Ga go na bosupi bope kgotsa tshedimosetso epe e e bontshang gore fa batho ba ba sa tseneleng bosole ba newa ditiro di sele, seo se ka tsenya tshireletsego ya setšhaba mo kotsing mme sa dira gore go se ka ga nna le batho ba ba lekaneng go tsenela tirelo ya bosole.”–Moatlhodi Gwan-gu Kim, Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya kwa Changwon Masan, Phatwe 9, 2012, 2012Chogi8.

    Ga go na lebaka le le utlwalang la go akanya gore fa setlhotswana, se se akaretsang le Basupi ba ga Jehofa, . . . se gana go tshola dibetsa le go tsenela tirelo ya bosole, seo se ka tsenya tshireletsego ya setšhaba mo kotsing thata mo e leng gore go ka se kgonege go sireletsa seriti sa batho [le] sa baagi botlhe. Tota e bile, balatofadiwa . . . ba setse ba ganne go tsenela tirelo ya bosole go sa kgathalesege katlholo e ba e newang. Fa [e ne e] le gore go na le lebaka le le utlwalang, tshireletsego ya setšhaba, seriti sa batho le matshelo a baagi botlhe a ka bo a setse a le mo kotsing e e seng kana ka sepe.”–Moatlhodi Seung-yeop Lee, Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Ulsan, Phatwe 27, 2013, 2013Godan601.

  • Kafa kgang eno e ka rarabololwang ka gone

    “Fa Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ka dumalana le molao ka gore kgetsi eno e kgatlhanong le Molaomotheo, lekala la botsamaisi le Palamente di kgona go akanyetsa tshireletsego ya setšhaba, kgololesego ya go dirisa segakolodi le melao ya puso e e amogelang gore motho a nne le tshwanelo ya go sa tsenele bosole ka ntlha ya segakolodi mme ka nako e e tshwanang ba ntse ba nonotsha tshireletsego ya setšhaba.”–Moatlhodi Young-sik Kim, Kgotlatshekelo ya Kgaolo e e kwa Borwa jwa Seoul, Phukwi 9, 2013, 2013Chogi641.

    “Palo ya batho ba ba tsenelang bosole le tshireletsego ya setšhaba ga di na go amega fa fela go na le thulaganyo ya tirelo setšhaba e e dirwang ka kelotlhoko mme e bo e latelwa go tila kgang ya gore batho ba gane go tsenela bosole ba ipata ka gore digakolodi tsa bone ga di ba letle go dira jalo.”–Moatlhodi Seong-bok Lee, Kgotlatshekelo ya Kgaolo e e kwa Botlhaba jwa Seoul, Tlhakole 20, 2014, 2014Chogi30.

Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya reng ka seo?

Baatlhodi bano ba batla gore Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ba bolelele gore ba ka rarabolola jang mathata a ba lebaneng le one ka kgang ya batho ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi. Gone jaanong, Kgotlatshekelo eo e dumetse go reetsa bosupi mo dikgetsing di le 29, go akaretsa tse pedi tse di amanang le banna ba le 433.

Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tla swetsa jang mo dikgetsing tseno? A kgotlatshekelo e kgolo go di gaisa tsotlhe ya kwa Korea Borwa e tla tsaya tsia tshwanelo ya go sa tsenele bosole ka ntlha ya segakolodi mme seo se dire gore go nne le molao o mosha? Fa e ka dira jalo, e tla bo e dira go dumalana le maitlamo a yone a boditšhabatšhaba, Molaotheo wa yone e bile e tla bo e tlotla digakolodi tsa batho ba le bantsi—mme seo se tla dira gore makawana a le makgolokgolo a a tsentsweng mo kgolegelong go sa tshwanela, a gololwe.