SEDIMONTHOLE 9, 2013
South Korea
Korea Borwa e Kgaoganya Makgolokgolo a Basupi le Dikebekwa
Puso ya Korea Borwa e imolotse makgolokgolo a Basupi ba ga Jehofa ba ba tsentsweng mo kgolegelong ka gonne ba sa tsenele bosole. Jang? Ka go kgaoganya Basupi le magolegwa a mangwe.
Eno ke tshwetso e e dirilweng morago ga pokano ya Sedimonthole 2012 e e neng e tshwerwe ke baemedi ba Basupi ba ga Jehofa kwa Korea mmogo le modiredimogolo wa Lefapha la Dikgolegelo la Korea. Baemedi bano ba Basupi, ba ba akaretsang rre mongwe yo morwawe a leng mo kgolegelong, ba ne ba tlhalosa fa ba tshwenngwa ke gore gantsi makawana a Basupi a tsenngwa mo seleng e le nngwe le batho ba ba dirileng tlolomolao e e masisi. Mo lobakeng lwa dikgwedi di le tlhano morago ga pokano eno, Basupi ba feta diperesente di le 70 ba ne ba kgaoganngwa le magolegwa a mangwe mme ba tsenngwa mo seleng e le nngwe le Basupi ka bone.
Kgang ya moruthutha ya go isa batho ba ba sa tseneleng bosole kwa kgolegelong. Korea Borwa ga e bolo go tsenya Basupi ba ga Jehofa mo kgolegelong ka gonne Baebele e sa ba letle go tshola dibetsa. Gone jaanong, Basupi ba ka nna 600 ba mo kgolegelong ka go bo ba sa tsenele bosole. Mo dingwageng di le 60 tse di fetileng, Basupi ba feta 17 000 ba ile ba tsenngwa mo kgolegelong ka gonne ba ganne go tsenela tirelo ya bosole—e go neng go lebeletswe gore banna ba dingwaga tse di fa gare ga 19 le 35 ba e dire.
Go tlwaelegile gore dikokomana di le mmalwa tsa lelapa le le lengwe la Basupi di bonwe molato, di atlholwe di bo di tsenngwe mo kgolegelong jaaka dikebekwa. Seungkuk Noh, yo e leng kokomana ya bobedi ya lelapa lengwe la Basupi mme a golotswe ka 2000 a sena go wetsa dingwaga di le tharo tse a neng a di atlholetswe kwa kgolegong, o ne a re: “Ke ne ka tsenngwa kwa kgolegelong e rre a neng a tsentswe mo go yone fa a ne a sa le mosha—mme maemo a yone ga a ise a fetoge go tloga ka nako ya fa rre a ne a tshwerwe.” Gone jaanong Korea Borwa ga e a dira thulaganyo ya tiro e e seng ya bosole, mme motho yo o sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi o atlholelwa dikgwedi di le 18 kwa kgolegelong.
Ho Gyu Kang o ne a na le dingwaga di le 21 fa a ne a tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go sa tsenele bosole. E ne e le lekgetlho la ntlha a kgaogana le ba lelapa la gaabo. Rre Kang a re: “Ke ne ke tshogile thata.” Ene le mosha mongwe wa Mosupi ba ne ba tsentswe mo seleng e le nngwe le magolegwa mangwe a a ba fetang ka dingwaga, a kgolegelo e a tsayang e le a a padileng. Bangwe ba magolegwa ano ba ne ba tshwaretswe go bolaya le go nna maloko a digongwana.
Go tloga ka nako ya fa ba tsenngwa mo kgolegelong go fitlha ba gololwa, magolegwa a Basupi—a bontsi jwa one a leng mannye thata mo magolegweng a mangwe—a kgokgontshiwa mo mmeleng le mo maikutlong. Gantsi magolegwa a tlhorontsha basha ba Basupi ba ba nnang le bone mo seleng, ba dira gore ba se ka ba kgona go dira ditiro tsa bodumedi, tse di jaaka go rapela le go ithuta Baebele. Ngwaga le ngwaga, ka masomesome a dingwaga, makawana a le mantsi a Basupi a ne a itshokela go tsenngwa mo kgolegelong le batho ba ba dirang tlolomolao e e masisi.
Go kgaoganya magolegwa go tsamaisana le se se dirwang mo dinageng tse dingwe. Fa Korea Borwa e ne e kgaoganya Basupi ba le bantsi le magolegwa a mangwe, e ne e dira go dumalana le melaometheo ya boditšhabatšhaba ya kafa magolegwa a tshwanetseng go tshwarwa ka gone e e mo go Molawana 8 wa Melao ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng Malebana le Kafa Magolegwa a Tshwanetseng go Tshwarwa ka Gone. Korea Borwa e ne ya dira se Gerika, leloko la Lekgotla la Yuropa, e se dirileng dingwaga di le 20 tse di fetileng, fa ofisi ya Tirelo ya Tshireletso ya Setšhaba le ya Tshiamiso di ne di dumela gore magolegwa a Basupi a kgaoganngwe le magolegwa a mangwe. Ka 1992, Ofisi ya Tirelo ya Tshireletso ya Setšhaba e ne ya fetola kampa ya masole ya kwa Sindos, Thessalonica, ya e dira kgolegelo e go tsenngwang Basupi ba ga Jehofa fela mo go yone. Pego nngwe ya re “tsela e Ofisi ya Tirelo ya Tshireletso ya Setšhaba e neng ya akanyetsa go tshwarwa ga magolegwa [Basupi ba ga Jehofa] ka yone” e ne ya dira gore go dirwe tshwetso ya gore Basupi ba kgaoganngwe le magolegwa a mangwe mme ba tsenngwe mo kgolegelong e le nngwe. Ka 1998, Gerika e ne ya kgaotsa go tsenya Basupi ba ba sa tseneleng bosole mo kgolegelong.
Fa Korea Borwa e kgaoganya bontsi jwa Basupi le magolegwa a mangwe, le yone e ne e bontsha gore e akanyetsa makawana ano a a neng a tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya go ngangatlela se ba se dumelang. * Dikgolegelo le ditheo dingwe di le mmalwa tse go nang le Basupi ba bantsi mo go tsone di ne tsa atlega mo go diriseng mokgwa ono wa go sireletsa magolegwa a a tsentsweng mo kgolegelong ka ntlha ya segakolodi. Fa legolegwa lengwe la Mosupi kwa Kgolegelong ya Gunsan le tlhalosa molemo wa go kgaoganya magolegwa, la re: “Re gololesegile mo tlhotlheletsong e e sa siamang e e jaaka boitsholo jo bo sa siamang le puo e e leswe. Jaanong re itumelela go tlotla ka dilo tsa semoya le bakaulengwe ka rona ba Basupi.”
‘Re gololesegile mo tlhotlheletsong e e sa siamang e bile re itumelela metlotlo e e agang’
Kgang e e sa feleng ya go tlotla segakolodi sa batho ba ba sa tseneleng bosole. Le fa Korea Borwa e dirile se se molemo ka go kgaoganya Basupi le magolegwa a mangwe, ga e a dira se dinaga tse dingwe di sa bolong go se dira go rarabolola kgang eno. Ka sekai, fa e sa le ka 1997, Gerika e ne ya letla batho ba ba sa tseneleng bosole go dira tiro ya setšhaba. Mo nakong e e fetileng Jeremane e ne e letla batho ba ba sa tseneleng bosole go dira tiro ya setšhaba mme ka 2011 fa go ikwadisetsa bosole go emisiwa ba ne ba sa tlhole ba patelesega go dira tiro ya setšhaba. Ka 2000, Taiwan e ne ya dira go dumalana le molao wa go letla batho ba ba sa tseneleng bosole go dira tiro ya setšhaba.
Makawana a Basupi le ba malapa a bone kwa Korea Borwa ba solofela gore naga ya bone e tla dirisa melao ya boditšhabatšhaba ya go tlotla ditshwanelo tsa batho tsa kgololesego ya segakolodi.
^ ser. 9 Molao wa boditšhabatšhaba o Korea o patelesegang go o ikobela o tsaya tsia ditshwanelo tsa batho tsa go sa tsenele bosole. Bona setlhogo se se reng “Dinaga Tse Dingwe di Ngongoregela Tshiamololo ya Kwa Korea Borwa.”