Fetela kwa tshedimosetsong

DIPHALANE 1, 2013
South Korea

Dinaga Tse Dingwe di Ngongoregela Tshiamololo ya Kwa Korea Borwa

Dinaga Tse Dingwe di Ngongoregela Tshiamololo ya Kwa Korea Borwa

Korea Borwa e tsenya makgolokgolo a makawana a a se nang molato mo kgolegelong. Ka ntlha yang? Ka gonne ke Basupi ba ga Jehofa e bile ba tlhophile go sa tsenele bosole ka ntlha ya digakolodi tsa bone. Basupi ba atlholelwa go ya kgolegelong ka gonne Korea ga e sireletse ditshwanelo tsa batho ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya digakolodi tsa bone. Tota e bile, mo dingwageng di le 60 tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba feta 17 000 ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go sa tsenele bosole.

Go senola kgang eno, ofisi ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Korea Borwa e ne ya gatisa boroutšhara jwa  Conscientious Objection to Military Service in Korea. Boroutšhara jono bo bontsha kafa Korea e paletsweng ka gone ke go latela melao ya boditšhabatšhaba le go sireletsa batho ba ba sa tseneleng bosole. Gape e tlhalosa ka bokhutshwane hisitori ya makawana a Basupi a a neng a itshokela go tsenngwa mo kgolegelong ka gonne ba reetsa digakolodi tsa bone. Rre Dae-il Hong, moemedi wa ofisi ya kwa Korea ya Basupi ba ga Jehofa, le Philip Brumley, Mmueledimogolo wa Lephata la Tsa Semolao wa Basupi ba ga Jehofa kwa New York, ba naya tshedimosetso e e oketsegileng ka tshiamololo eno e e sa bolong go dirwa.

Batho ba dinaga tse dingwe ba ne ba ikutlwa jang ka tshiamololo ya kwa Korea Borwa?

Philip Brumley: Dinaga tse dintsi di ne tsa bua fa di le kgatlhanong le kafa Korea e itlhokomolositseng ka gone tshwanelo ya batho ya go sa tsenele bosole. Mo kokoanong ya bosheng ya UN Universal Periodic Review [Kokoano ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e e sekasekang ditshwanelo tsa batho], dinaga tse robedi—Hungary, Fora, Jeremane, Poland, Slovakia, Spain, United States le Australia—di rotloeditse Korea go kgaotsa go bogisa batho ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go tsenela bosole le gore e tlhome ditiro tse e seng tsa bosole tse ba ka di dirang. *

Dae-il Hong: Mo dikgetsing tse nnѐ tse di amang batho ba le 501 ba ba sa tsenelang bosole, Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Ditšhaba Tse di Kopaneng (CCPR) e ne ya swetsa ka gore Repaboliki ya Korea e gatakile ditshwanelo tsa batho bano fa e ne e ba bona molato le go ba tsenya mo kgolegelong. Komiti e ne ya re “tshwanelo ya go sa tsenele bosole e tshwana le tshwanelo ya kgololesego ya go akanya, ya segakolodi le ya bodumedi. E letla motho mongwe le mongwe gore a se ka a tsenela bosole fa bodumedi jwa gagwe bo sa dumalane le seo kgotsa ene a sa dumalane. Tshwanelo eo ga e a tshwanela go gatakiwa.” *

Lekgotla la Ditshwanelo Tsa Batho, karolo nngwe ya Ditšhaba Tse di Kopaneng, le lone le ne la bua ka kgang eno mo pegong ya lone ya bosheng ya setlhogo se se reng, “Pego ya dipatlisiso malebana le go sa tsenele bosole.” Pego eno e na le ditshwetso tsa semolao tsa dinaga tse di farologaneng tse di tlhalosang tshwanelo ya batho ya go sa tsenele bosole le tse di thibelang go dirisa dikgoka ka go sekisa batho kgapetsakgapetsa kgotsa go ba otlhaya ka go bo ba sa dire dilo tse di kgatlhanong le digakolodi tsa bone. *

Puso ya Korea e ne ya tsibogela jang dingongorego tsa batho ba dinaga tse dingwe?

Dikago Tsa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang

Philip Brumley: Puso ya Korea ga e a latela ditshwetso tsa CCPR. Ka jalo, e tlodile maikano a kgolagano ya ditšhaba tse dingwe e bile e itlhokomolositse ditshwanelo tsa batho tsa go sa tsenele bosole. Mo godimo ga moo, fa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang le Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya kwa Korea Borwa di ne di gana fa batho ba ba sa tseneleng bosole ba ikuela kwa go tsone, tota di ne di itlhokomolosa ditshwetso tsa CCPR. Kokoanotheo ya Setšhaba ya Korea ga e a ka ya dira gore go nne le tiro e nngwe e e ka dirwang ke batho ba ba sa tseneleng bosole e bile ga e a dira dithulaganyo dipe tsa go ba sireletsa.

Makawana a Basupi ba ga Jehofa a ne a amiwa jang ke go tsenngwa mo kgolegelong?

Dae-il Hong: Makawana ano a pelokgale. Fa ba bilediwa bosole, ba itlhagisa kwa pusong ba ntse ba itse gore ba tla bonwa molato le go tsenngwa mo kgolegelong. Ga ba iphitlhe. Pele ba tshwarwa, e a bo e le baagi ba ba itshwereng sentle le kwa kgolegelong ba itshwara sentle. Ka maswabi, fa ba gololwa ba a bo ba na le rekoto ya bokebekwa mme seo se ba thatafaletsa go bona ditiro mo ditheong tsa puso kgotsa mo madirelong a magolo. Ba a bo ba feditse ngwaga le sephatlo ba le mo kgolegelong go sa tshwanela, ba kgaogantswe le ba malapa a bone. Go bogisiwa jaana ga go tlhokege.

A go a tshwanela gore Basupi ba ga Jehofa kwa Korea ba bonwe molato le go tsenngwa mo kgolegelong ka go bo ba sa tsenele bosole?

Dae-il Hong: Nnyaa le e seng! Makawana ano ga se dikebekwa. Mo Korea le mo dinageng tse dingwe, Basupi ba ga Jehofa ba itsege e le baagi ba ba ratang kagiso le ba ba ikobelang melao e bile ba iketleeleditse go thusa setšhaba. Ba tlotla balaodi ba puso, ba ikobela molao, ba duela makgetho e bile ba dirisana le puso mo dithulaganyong tsa yone tse di solegelang setšhaba molemo. Bosheng jaana, moatlhodi wa kgotlatshekelo ya kgaolo wa mo Korea o ne a atlholela mosha wa Mosupi go tsenngwa mo kgolegelong ka go bo a sa tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi. Fa a sena go bua gore ga go sepe se se ka dirwang fa e se go mmona molato, o ne a bala tshwetso eo. Ka tshoganyetso fela, moatlhodi o ne a ipipa sefatlhego ka dipampiri a bo a sisa pelo. Go lebega tsela e lekawana leno le neng le diretswe tshiamololo ka yone e ne ya utlwisa moatlhodi botlhoko mo a neng a sa kgone go itshwara. Batho ba bangwe ba ba neng ba le mo kgotlatshekelong le bone ba ne ba lemoga tshiamololo eo mme ba tsholola dikeledi.

Philip Brumley: Boammaaruri ke gore, eno ke nako ya gore balaodi ba Korea ba rarabolole bothata jono jo bo sa bolong go nna teng le go tlotla ditshwanelo tsa batho ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi.

^ ser. 5 Lekgotla la Ditshwanelo Tsa Batho “Pego ya Setlhopha sa Badiri mo Kokoanong ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e e Sekasekang Ditshwanelo Tsa Batho,” 12 Sedimonthole 2012, A/HRC/22/10, tsebe 7 le 22, serapa 44 le 124.53.

^ ser. 6 Jong-nam Kim et al. v. The Republic of Korea, communication no. 1786/2008, Ditshwetso tse di dirilweng ke Komiti ka 25 Diphalane 2012, tsebe 8, serapa 7.4

^ ser. 7 Lekgotla la Ditshwanelo Tsa Batho “Pego ya dipatlisiso malebana le go sa tsenele bosole,” 3 Seetebosigo 2013, A/HRC/23/22, tsebe 3-8, serapa 6-24; tsebe 9, 10, serapa 32, 33.