Fetela kwa tshedimosetsong

AUGUST 30, 2018
South Korea

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Kwa South Korea e Sekaseka Dikgetsi Tsa Batho ba Digakolodi Tsa Bone Di sa Ba Letleng go Tsenela Bosole

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Kwa South Korea e Sekaseka Dikgetsi Tsa Batho ba Digakolodi Tsa Bone Di sa Ba Letleng go Tsenela Bosole

Ka Labone ka August 30, 2018, baatlhodi ba le 13 ba Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa South Korea ba ne ba sekaseka dikgetsi tsa Basupi ba ga Jehofa ba bararo ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go tsenela bosole. Baatlhodi botlhe ba le 13 ba ne ba fetsa diura di le nnê ba botsolotsa babueledi ba Basupi le ba bangwe. Nako eno e ntsi e ba e feditseng ba ntse ba bua ka go re a go siame gore batho ba ba ganang go tsenela bosole ba isiwe kwa kgolegelong kgotsa nnyaa, e bontsha gore batho ba le bantsi ga ba bone kgang eno ka go tshwana. Baatlhodi bano ba ile ba bua sebaka ka katlholo ya botlhokwa e e neng e dirilwe ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo ka June 28, 2018. Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ne e laela puso ya Korea gore e se ka ya isa batho ba ba ganang go tsenela bosole kwa kgolegelong mme e ba neye ditiro tse dingwe tse di sa amaneng le bosole. Babueledi ba Basupi ba ne ba kopa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang gore e bue gore bakaulengwe ba rona ba bararo ga ba na molato. Seno se ne se tla dira gore dikgotlatshekelo tse dinnye tse di sa ntseng di sekaseka dikgetsi tse di tshwanang tse di fetang 900, di di atlhole ka tsela e e tshwanang. Gone jaanong go ikaegile ka baatlhodi ba Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang gore ba atlhola jang dikgetsi tsa Basupi bano ba bararo le gore ba tla di atlhola leng.

Rona le bakaulengwe ba bangwe ba ba fetang 100 ba ba kwa kgolegelong, re tla nna re letile Modimo wa poloko ya rona.—Mika 7:7.