Fetela kwa tshedimosetsong

Gyeong-chan Park ke mongwe wa banna ba le 140 ba go tweng ba tshabile bosole

JUNE 9, 2017
South Korea

Kgotlatshekelo ya South Korea e Tlotla Ditshwanelo Tsa Batho ba ba Ganang go Tsenela Bosole

Kgotlatshekelo ya South Korea e Tlotla Ditshwanelo Tsa Batho ba ba Ganang go Tsenela Bosole

Ka May 1, 2017, Kgotlatshekelo ya Seoul e ile ya tlhalosa gore ga e dumalane le tshwetso ya ofisi ya botsamaisi jwa sesole ya go phasalatsa maina a batho ba ba ganneng go tsenela bosole ka ntlha ya digakolodi tsa bone. Kgotlatshekelo e ile ya tlhalosa gore go dira jalo go ne go tla senya maina a batho bano le go ba tlhabisa ditlhogong. Gape e ile ya laela ofisi eo gore e se ka ya tsenya maina a banna bao mo website ya bone ka gonne go na le kgetsi e nngwe e e butsweng kgatlhanong le ofisi eo. Ofisi ya botsamaisi jwa sesole e ile ya ikobela taelo ya kgotlatshekelo.

Ga se Gore ba Tshaba go Tsenela Bosole

Ka 2015, bakomishinara ba ofisi ya botsamaisi jwa sesole ba ile ba bolelela batho ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go tsenela bosole gore ba tlile go phasalatsa maina a bone ba tlhalosa gore ba tshabile bosole. Bakomishinara ba ne ba itse maina a banna bano ka gonne letsatsi pele ga ba tshwanetse go ya bosoleng, ba ile ba kwalela ofisi ya botsamaisi ba e itsise gore ba dirile tshwetso ya go sa ye bosoleng ka ntlha ya digakolodi tsa bone mme gone ba ikemiseditse go dira ditiro tse dingwe tse di sa amaneng le bosole. Le fa go ntse jalo, ka December 20, 2016, ofisi eno ya botsamaisi e ile ya phasalatsa maina, dingwaga, diaterese le tshedimosetso e nngwe ka banna bano mo website ya bone e e tlhalosang gore ba tshabile bosole.

Gyeong-chan Park yo e leng Mosupi wa ga Jehofa mme a ganne go tsenela bosole o ne a maketse tota fa a fitlhela leina la gagwe le kwadilwe le a mangwe a le 237 mo website ya sesole. O ne a re: “Ke ne ke itse gore go tla nna le batho ba ba sa dumalaneng le tshwetso ya me ya go gana go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi sa me. Mme ke ne ke makadiwa ke gore puso e ntsentse mo lenaaneng la batho ba go tweng ba ‘tshabile bosole.’ Botsamaisi jwa sesole bo itse Basupi ba ga Jehofa sentle e bile bo a itse gore ga re gane go tsenela bosole ka gonne re na le maitlhomo mangwe a a sa siamang go na le moo re dira jalo ka ntlha ya digakolodi tsa rona.” Gape o ne a re: “Fa ke bona leina le aterese ya me mo website ya bone, ke ne ke tshogile gore motho a se ka a tla kwa ntlong ya me a bo a tla go nkgokgontsha.”

Basupi ba ga Jehofa ba le 140 ba maina a bone a tlhagelelang mo website eno ba ile ba bula kgetsi kwa kgotlatshekelo, ba kopa gore maina a bone a phimolwe le go tlhalosa gore Molawana wa sesole o tlhalosa motho yo o tshabang bosole e le yo e reng fa a bidiwa a bo a gana go tla mme gone “a se na mabaka a a utlwalang a go dira jalo.” Banna bano ba ile ba tlhalosa gore ga ba tshabe bosole e bile ga se gore ba ne ba “se na mabaka a a utlwalang a go dira jalo,” go na le moo molao wa South Korea le wa boditšhabatšhaba o tlhalosa gore naga e tshwanetse go tlotla tshwanelo ya motho ya go sa batle go tsenela bosole. Go na le kgetsi e e butsweng kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo ya South Korea malebana le kgang ya go tlotla tshwanelo ya motho ya go gana go tsenela bosole mme go sa ntse go letetswe katlholo.

Ditshwetso Tse di Bakileng Mathata le go Feta

Basupi bano ba ile ba tlhalosa gore le fa ba utlwisiwa botlhoko ke go bo batho ba ba kgala e bile ba ba senya maina, seo ga se a ka sa fetola tshwetso ya Basupi ba ga Jehofa ya go gana go tsenela bosole ka ntlha ya digakolodi tsa bone. Mo dingwageng di le 60 tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba feta 19 000 kwa South Korea ba feditse dingwagangwaga ba itshoketse maemo ao a a botlhoko mo kgolegelong. Basupi ba tshedimosetso ya bone e phasaladitsweng ba re se puso ya South Korea e se dirileng ka go phasalatsa maina a bone se tshwana le fa motho a na le rekoto ya gore ke sekebekwa fela ka gonne digakolodi tsa bone di sa ba letle go dira sengwe.

Ba Tla Seka Kgang Eno Kwa Kgotlatshekelo

Basupi ba ga Jehofa lebogela go bo kgotlatshekelo e lemogile fa ditshwanelo tsa bone di gatakilwe mme ba solofela gore tshwetso e e tla dirwang kwa kgotlatshekelo e tla dira gore molao o dirisiwe sentle. Gape ba batla go kopa khomishene ya ditshwanelo tsa batho ya South Korea gore e ntshe maikutlo a yone ka kgang eno kwa kgotlatshekelo. Kgetsi eno e tla sekwa ka June 28, 2017.