Fetela kwa tshedimosetsong

Ntlokgolo ya Khomishene ya Bosetšhaba ya Ditshwanelo Tsa Batho kwa Seoul, South Korea

JANUARY 25, 2017
South Korea

Khomishene ya Ditshwanelo Tsa Batho e Kgothaletsa Puso go Tlotla Kgololesego ya Batho

Khomishene ya Ditshwanelo Tsa Batho e Kgothaletsa Puso go Tlotla Kgololesego ya Batho

Ka December 9, 2016, Khomishene ya Bosetšhaba ya Ditshwanelo Tsa Batho ya kwa South Korea e ile ya tlhalosa maikutlo a yone malebana le dikgetsi tse di sekasekiwang ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo gone jaanong. Kgotlatshekelo eo e sekaseka dikgetsi tsa batho ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go tsenela bosole. Komishene eno ya re puso ga e a tshwanela go gataka ditshwanelo tsa batho go na le moo e tshwanetse go di sireletsa.

Sa botlhokwa le go feta, Khomishene ya re batho ba ba ganang go tsenela bosole ba na le tshwanelo ya semolao ya go dira jalo. Ya re puso e tshwanetse go tlotla tshwanelo ya motho ya go itlhophela mme e rulaganye gore go nne le “ditiro tse dingwe tse motho a ka dirang fa a sa tsenele bosole.”

Khomishene ya re go tsenya batho mo kgolegelong ka gonne digakolodi tsa bone di sa ba letle go tsenela bosole ga go thuse ka sepe, ya re: “Fa o atlhola motho o tshwanetse go dira jalo ka maitlhomo a go mo thibela go dira ditiro tsa bokebekwa. Mme bontsi jwa batho ba ba ganang go tsenela bosole ga ba ikwatlhaele tshwetso e ba e dirileng kgotsa ga ba fetole tshwetso ya bone ka gonne ba tshaba go otlhaiwa. . . . Ke ka moo go ba atlhola [ka go ba tsenya mo kgolegelong] go sa thuseng ka sepe.”

Khomishene e sa ntse e dumalana le tshwetso ya yone ya December 26, 2005, ya gore Puso ya Korea e tshwanetse go dira gore go nne le ditiro tse dingwe tse motho a ka di dirang fa a sa batle go tsenela bosole. * E re ka boikaelelo jwa Khomishene eno e le go sireletsa ditshwanelo tsa batho, e ile ya kwalela Kgotlatshekelo ya Molaotheo gore e akanyetse dintlha tseno fa e dira tshwetso.

“Go ya ka Molaotheo le melao ya boditšhabatšhaba e e malebana le ditshwanelo tsa batho, motho yo segakolodi sa gagwe se sa mo letleng go tsenela bosole o na le tshwanelo ya semolao ya go gana go dira jalo. Fa puso e dirisa Molao wa Naga o o Malebana le Tirelo ya Bosole go atlhola motho yo o ganang go tsenela bosole le fa gone go na le ditiro tse dingwe tse motho yoo a ka di dirang go thusa naga ya gagwe, puso e tla bo e bontsha gore e gatelela segakolodi sa motho yoo.”—Tshwetso e e ileng ya dirwa ke Khomishene ya Bosetšhaba ya Ditshwanelo Tsa Batho ka November 28, 2016.

Go ka Direga Gore Kopo ya Bone e Atlege

Porofesa ya Molao e bong Jae-seung Lee o ne a bua jaana ka tshwetso e e tserweng ke Khomishene eno: “Fa puso ya South Korea e dira tshwetso ya go tlotla ‘tshwanelo ya batho’ ya go itlhophela, go ka direga gore e dire thulaganyo ya gore go nne le ditiro tse dingwe tse motho a ka di dirang fa segakolodi sa gagwe se sa mo letle go tsenela bosole. Gore thulaganyo eo e atlege, ke akantsha gore puso e tlhomamise gore e dira se dinaga tse dingwe tse di nang le thulaganyo eno di se dirang.”

Dae-il Hong, yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa o ne a re: “Makawana a Basupi ba ga Jehofa a feta 2 000 a ile a tsenngwa mo kgolegelong fa e sa le go tloga ka August 2012 fa Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ne e dira tshwetso ya go sekaseka kgang eno gape. Re lebile pele go bona gore a Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tla dira tshwetso e e tshwanang le e e dirilweng ke dinaga tse dingwe tse di tlotlang matshelo a batho e bile di rata kagiso. Re solofela gore go tshwarwa ga makawana a Basupi go tla fela le gore makawana ano a tla newa tshono ya go thusa naga ya bone go na le go dira dilo tse di kgatlhanong le digakolodi tsa bone.”

^ ser. 5 Ka July 11, 2008, Khomishene ya Bosetšhaba ya Ditshwanelo Tsa Batho e ile ya kopa Tonakgolo ya Tshireletsego ya Setšhaba gore a rulaganye gore go nne le ditiro tse dingwe tse motho yo o ganang go tsenela bosole a ka di dirang. E ne e le lekgetlo la bobedi Khomishene e dira jalo. Mo godimo ga moo, ka November 26, 2007, Khomishene e ile ya kopa puso gore e emise go otlhaya batho ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go ya go ikatisetsa bosole.