Fetela kwa tshedimosetsong

TLHAKOLE 14, 2014
South Korea

Dipatlisiso di Bontsha Gore Batho ba Kwa Korea Borwa ba Fetotse Mogopolo Ka go Sa Tsenele Bosole

Dipatlisiso di Bontsha Gore Batho ba Kwa Korea Borwa ba Fetotse Mogopolo Ka go Sa Tsenele Bosole

SEOUL, Korea—Go ya ka dipatlisiso tsa bosheng tsa Gallup, batho ba le bantsi ba kwa Korea ba bona go le botoka gore puso e direle ba ba sa tseneleng bosole thulaganyo ya tirelo setšhaba. Ka Ngwanatsele 4-7, 2013, banna le basadi ba kwa Korea ba le 1 211 ba nnile le seabe mo patlisisong e mo go yone diperesente di le 68 di boneng tirelo setšhaba e le botoka go na le go ya kgolegelong. Tshedimosetso eno e bontsha phetogo e kgolo mo tseleng e batho ba Korea ba ikutlwang ka yone ka gonne patlisiso e e tshwanang le eno e e dirilweng ka 2008 e begile gore ke diperesente di le 29 fela tsa batho ba ba bonang tirelo setšhaba e le botoka.

Go lebega badiri bangwe ba semolao mo Korea le bone ba ka tlhopha kotlhao e nngwe kwantle ga go tsenya ba ba sa tseneleng bosole mo kgolegelong. Mo kgatisong ya gagwe e e bidiwang “Dilemma Surrounding Conscientious Objection to Military Service”, Han In-seop, yo e leng porofesa kwa Sekolong sa Molao sa Yunibesithi ya Bosetšhaba kwa Seoul, o ile a re: “Ga go moatlhodi ope yo o tla reng batho ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi ba dirile tlolomolao nngwe e e rileng. Batho ba ba sa tseneleng bosole ga ba newe kotlhao e e simololang ka go tsenngwa mo kgolegelong mme e felele ka tirelo setšhaba, e re ka ba ka se tshabele gope. Nako le nako fa go atlholwa gore motho o molato, baatlhodi ba ikutlwa molato e bile ba sa nnisege.”

Kgang eno ya ba ba sa tseneleng bosole e ne ya tlhaga bosheng mo filiming e e ikemetseng e e gatisitsweng ke Khomishene ya Bosetšhaba ya Ditshwanelo tsa Batho kwa Korea. Filimi e na le karolwana ya setlhogo se se reng, “Ice River,” e e neng e tshwantshetsa Mosupi wa ga Jehofa yo o sa tsenelang bosole. Mokaedi wa filimi a re o ne a dira tshwetso ya go dira filimi eno fa a sena go utlwa gore ngwaga le ngwaga makgolokgolo a Basupi a isiwa kgolegelong ka ntlha ya go sa tsenele bosole. Go ya ka pego ya Lekgotla la Ditshwanelo Tsa Batho la Ditšhaba Tse di Kopaneng e e gatisitsweng ka Seetebosigo 2013, diperesente di le 93 tsa Basupi ba ba mo kgolegelong ka ntlha ya go sa tsenele bosole mo lefatsheng lotlhe, di kwa Korea Borwa.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Republic of Korea: Dae-il Hong, tel. +82 31 690 0055