Fetela kwa tshedimosetsong

JANUARY 25, 2017
South Korea

“Tshwetso E e Di Gaisang Tsotlhe mo Ngwageng Ono”

“Tshwetso E e Di Gaisang Tsotlhe mo Ngwageng Ono”

Makawana ano a mararo e bong Hye-min Kim, Lak-hoon Cho le Hyeong-geun Kim ba itumeletse go bo kgotlatshekelo ya boikuelo e sa ntsha katlholo ya gore ba tsenngwe mo kgolegelong. Seno se a makatsa ka gonne ngwaga le ngwaga South Korea e isa makawana a le mantsi kwa kgolegelong ka gonne digakolodi tsa bone di sa ba letle go tsenela bosole. Makawana ano a ne a lebeletse gore le one a tlile go isiwa kwa kgolegelong ka gonne go fetile lobaka lo loleele kgang eno e sa rarabololwe e bile batho ba feta 19 000 ba isitswe kgolegelong ka ntlha ya yone. Tshwetso eno e e ileng ya dirwa ke Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Gwangju e tla thusa thata mo go rarabololeng dikgetsi tse di tshwanang le tseno.

Eno ke “Tshwetso E e Di Gaisang Tsotlhe mo Ngwageng Ono”

Makwalodikgang a ka nna 200 a ne a kwala ka kgang eno, segolobogolo ka gonne batho ba le bantsi ba simolotse go bua thata ka yone mme e seng ka gonne e le lekgetlo la ntlha kgotlatshekelo ya boikuelo e tsaya tshwetso ya mofuta ono. Lokwalodikgang longwe lo ne lo re “tshwetso eno e gaisa ditshwetso tsotlhe tse di ileng tsa dirwa mo ngwageng ono” mme le lengwe le ne le re tshwetso eno ke nngwe ya ditshwetso tsa botlhokwa tse di dirilweng mo South Korea ka 2016.

Tshwetso eno ya kgotlatshekelo ya boikuelo e bontsha gore baitse ba molao le baatlhodi ba simolotse go leba kgang eno ka tsela e e farologaneng. Bosheng jaana, baatlhodi ba ile ba lemoga gore tshwetso ya banna bano ya go gana go tsenela bosole e tlhotlhelediwa thata ke dilo tse ba di dumelang mme go ba pateletsa go nna masole kgotsa go ba otlhaya, go ne go bontsha go gataka tshwanelo ya bone ya go itlhophela. Baatlhodi ba ile ba lemoga gore banna bano ba na le “mabaka a a utlwalang” a go gana go tsenela bosole. Mo dikgweding di le 20 tse di fetileng, go ile ga nna le dikgetsi di le 16 tse mo go tsone baatlhodi ba sa bonang banna bano molato.

Du-jin Oh, yo o ileng a nna mmueledi wa batho ba le bantsi ba ba ganneng go tsenela bosole a re: “Dilo di fetogile tota. Ke itumelela go bona dikgotlatshekelo di le dintsi di sa bone batho bano molato, go akaretsa le tshwetso ya bosheng e e ileng ya dirwa ke kgotlatshekelokgolo. Go lebeletswe gore basekisi ba ikuele kgatlhanong le ditshwetso tseno, mme go bonala baatlhodi ba South Korea ba fetotse tsela e ba lebang dilo ka yone mme seo se dira gore re swegaswege pelo go bona gore Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tla tsaya tshwetso efe mo kgannyeng ya go tlotla tshwanelo ya motho ya go itlhophela.”

Ba Batla Tharabololo

Batho ba South Korea ba letetse go utlwa tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo. Kgotlatshekelo eno e bapisa molaotheo wa naga wa gore motho o na le tshwanelo ya go itlhophela le molao o puso o o dirisang go otlhaya batho ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go tsenela bosole.

Dae-il Hong, yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa o ne a re: “Malapa a le mantsi a mo South Korea a batla gore go nne le molao o o tlotlang digakolodi tsa makawana a a sa batleng go patelediwa go dira dilo tse ba sa di batleng. Re lebile pele go bona Kgotlatshekelo ya Molaotheo e dira tshwetso e e bontshang gore e tlotla ditshwanelo tsa makawana ano.”