Fetela kwa tshedimosetsong

SEETEBOSIGO 11, 2014
Türkiye

Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e Buelela Batho ba Banè Ba ba Sa Tseneleng Bosole Kwa Turkey

Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e Buelela Batho ba Banè Ba ba Sa Tseneleng Bosole Kwa Turkey

Ka Seetebosigo 3, 2014, Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e ne ya swetsa gore Turkey e gatakile Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho * fa e ne e bona Basupi ba ga Jehofa ba le banè molato kwa Turkey, ka gonne ba gana go tsenela tirelo ya bosole ka ntlha ya segakolodi. Çağlar Buldu, Bariş Görmez, Ersin Ölgün le Nevzat Umdu ba ne ba gana go direla mo sesoleng ka ntlha ya tumelo ya bone e e nonofileng. Fa ECHR e ntsha katlholo e ne ya re: “Go ya ka Molawana 9 wa Tumalano ya Ditshwanelo Tsa Batho, ditshwetso tse di neng tsa dirwa kgatlhanong le balatofadiwa . . . di ne di sa tlhokege mo nageng ya temokerasi.”

Ka Mopitlwe 17, 2008, Basupi ba le banè ba ne ba ikuela kgatlhanong le puso ya Turkey kwa Kgotlatshekelong, (Buldu and Others v. Turkey) ba re puso e paletswe ke go tlotla tshwanelo ya bone ya bodumedi ka go ba sekisa le go ba atlholela kgolegelo gangwe le gape ka go bo ba ganne go tsenela bosole. Ba ne ba bilediwa go tsenela bosole ka makgetlo a feta 30 mme ba nna dingwaga di feta thataro mo kgolegelong le mo kgolegelong ya bosole.

Katlholo ya ECHR ya re: “Tota go gana ga balatofadiwa, ba e leng Basupi ba ga Jehofa, go tsenela bosole ka ntlha ya digakolodi tsa bone go ne go bontsha tumelo ya bone. Ga go pelaelo gore Kgotlatshekelo e ne e dumela gore go bonwa molato gangwe le gape ga balatofadiwa, . . . mmogo le kotsi ya go sekisiwa go go sa feleng ga bone e kete ke dikebekwa, . . . go ne go tshwana le go gataka tshwanelo ya bone ya bodumedi e e tlhalosiwang mo Molawana 9 wa Tumalano ya Yuropa.”

Bariş Görmez

Leno ke lekgetlo la boraro go atlholwa kgatlhanong le Turkey malebana le kgang e e amanang le batho ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi, morago ga gore ECHR e buelele Feti Demirtaş ka 2012 le Yunus Erçep ka 2011. Ka 2012, mo kgetsing e nngwe, Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya UN e ne ya buelela Basupi ba bangwe ba babedi kwa Turkey e bong Cenk Atasoy le Arda Sarkut, ba le bone ba neng ba gana go tsenela bosole.

Kwa Yuropa, kgang eno e ne ya fetoga ka Phukwi 7, 2011, fa Lekgotla le Legolo la ECHR le ne le ntsha katlholo mo kgetsing ya Bayatyan v. Armenia. E ne e le lekgetlo la ntlha ECHR e lemoga gore Molawana 9 wa Tumalano ya Yuropa o sireletsa batho ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go tsenela bosole. Tshwetso eno e tshwanetse go latelwa ke dinaga tsotlhe tse e leng maloko a Lekgotla la Yuropa. Katlholo ya kgetsi ya Bayatyan, dikatlholo tse tharo tsa ECHR kgatlhanong le Turkey le katlholo tse dingwe tse di tshwanang le tsa ECHR, di pateletsa Turkey le dinaga tse dingwe gore di sekaseke tsela e di tshwarang batho ba ba sa tseneleng bosole ka yone le gore di tokafatse molao wa naga gore o tsamaisane le Tumalano ya Ditshwanelo Tsa Batho.

James E. Andrik, agente e e neng ya emela balatofadiwa ba banè mo kgetsing eno, o ne a re: “Le fa gone jaanong mo Turkey go se na Basupi mo kgolegelong ka ntlha go bo digakolodi tsa bone di sa ba letle go tsenela bosole, puso e tsweletse pele ka go sekisa makawana a Basupi a a sa tseneleng bosole. Re solofela gore katlholo ya bosheng jaana mo kgetsing ya Buldu and Others v. Turkey e tla dira gore puso ya Turkey e tlotle tshwanelo ya konokono ya batho ya go nna le kgololesego ya segakolodi.”

^ ser. 2 Molawana 3, go thibela go sotliwa kgotsa go tshwarwa makgwakgwa ga batho; Molawana 6, tshwanelo ya go sekisiwa ka tsela e e tshwanetseng; Molawana 9, kgololesego ya go akanya, ya segakolodi le ya bodumedi.