Fetela kwa tshedimosetsong

MOPITLWE 11, 2013
Türkiye

Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le re Turkey e Tshwanetse go Tlotla Segakolodi sa Baagi ba Yone

Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le re Turkey e Tshwanetse go Tlotla Segakolodi sa Baagi ba Yone

Bakeresete ba le bantsi ba gana go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi sa bone—mme dinaga tse dintsi di tlotla tshwetso eo ya bone. Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya dira tshwetso ya gore baagi ba Turkey le bone ba tshwanetse go newa kgololesego eo.

Ka Mopitlwe 29, 2012, Komiti eno e ne ya dira tshwetso e mo go yone e neng ya ema mo letlhakoreng la baagi ba le babedi ba kwa Turkey, e bong Cenk Atasoy le Arda Sarkut. Banna bao ka bobedi ke Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba gana go tsenela bosole ka ntlha ya se ba se dumelang.

Rre Atasoy le Rre Sarkut ba ne ba nna ba isa dikopo kwa diofising tsa puso, tse mo go tsone ba neng ba tlhalosa lebaka la go bo ba sa tsenele bosole mme ba re ba tla ithaopela go dira ditiro tse dingwe tsa setšhaba tse e seng tsa bosole. Le fa go ntse jalo, banna bano ba ne ba nna ba gatelelwa gore ba tsenele bosole. Rre Sarkut o ne a latlhegelwa ke tiro ya gagwe morago ga gore ba bosole ba tshosetse ka gore ba tla bula kgetsi kgatlhanong le yunibesithi e e mo thapileng go nna mothusa motlhatlheledi.

Fa Komiti eno e ntsha katlholo, e ne ya re tshwetso ya go gana go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi “ke tshwanelo ya mongwe le mongwe ya go nna le kgololesego ya go akanya, ya segakolodi le ya bodumedi,” e leng se se tlhalosiwang mo Molawaneng wa bo18 wa Kgolagano ya Boditšhabatšhaba Kaga Ditshwanelo Tsa Baagi le Tsa Dipolotiki. Mo godimo ga moo, Komiti eno e ne ya re tshwetso eno “e naya mongwe le mongwe tetla ya go gana go tsenela bosole fa e le gore tirelo ya bosole ga e dumalane le bodumedi jwa gagwe kgotsa se a se dumelang.”

Tshwetso eno e dirilwe morago fela ga tse dingwe tse pedi tse di tshwanang le yone tse di dirilweng ke Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. Mo go nngwe ya ditshwetso tseo, Kgotlatshekelo e ne ya re “kgang ya gore naga ya Turkey ga e na tiro epe e nngwe e e ka dirwang ntle le tiro ya bosole ga e dumalane le tshwanelo ya go gana go tsenela bosole,” e leng tshwetso e e dirilweng ke Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho.

E re ka Bokeresete bo simologile bogologolo, kgang ya go gana go tsenela bosole le yone ga e simologe gone jaanong. E. W. Barnes o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Rise of Christianity: “Go sekaseka tshedimosetso yotlhe e e leng teng ka kelotlhoko [go bontsha] gore, go fitlha ka motlha wa ga Marcus Aurelius [mmusimogolo wa Roma go tloga ka 161 go ya go 180 C.E.], go ne go se na Mokeresete ope yo o neng a nna lesole; e bile go se na lesole lepe le le neng la tswelela mo tirelong ya sesole fa le sena go nna Mokeresete.”