Fetela kwa tshedimosetsong

MOPITLWE 17, 2014
Türkiye

Turkey e Gana go Ikobela Melao ya Yuropa mo Kgannyeng Ya go Sa Tsenele Bosole

Turkey e Gana go Ikobela Melao ya Yuropa mo Kgannyeng Ya go Sa Tsenele Bosole

“Moagi mongwe le mongwe wa Turkey o tsholwa e le lesole.” Ano ke mafoko a a rutiwang bana ba sekolo, a a buiwang mo dipuong tsa sepolotiki le a a jalelwang mo dipelong tsa banna ba ba bilediwang bosole. Banna botlhe ba Turkey ba tshwanetse go tsenela bosole mme go simolola tiro ya bosole ke sengwe se se itumedisang. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo puso ya Turkey e sa batle go tsaya tsia tshwanelo ya go sa tsenele bosole ka ntlha ya segakolodi.

Turkey ke nngwe ya dinaga di le mmalwa tse e leng maloko a Lekgotla la Yuropa tse di sa tseyeng tsia tshwanelo ya batho ya go sa tsenele bosole ka ntlha ya segakolodi

E re ka Turkey e le leloko la Lekgotla la Yuropa, e bile e amogetse Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e le molao wa naga, e ipofile gore e tla ikobela melao ya Yuropa. Fa e sa le Lekgotla le Legolo la Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (ECHR) le dira tshwetso mo kgetsing ya Bayatyan v. Armenia, Turkey e patelesega go dumalana le Lekgotla la Yuropa mme e tseye tsia tshwanelo ya batho ya go sa tsenele bosole ka ntlha ya segakolodi. E re ka Turkey e gana go dumalana le kgang eno, batho ba ba sa tseneleng bosole ba boga ditlamorago tsa tshwetso eno.

Mo dingwageng di le 10 tse di fetileng, banna ba le 55 ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kopa puso ya Turkey gore e tseye tsia tshwanelo ya bone ya go sa tsenele bosole. E re ka dikopo tsa bone di ne tsa ganwa, ba ile ba sekisiwa gantsi, ba duedisiwa madi a kotlhao mme ba bangwe ba tsenngwa mo kgolegelong ka dingwaga di le mmalwa. Re bua jaana, makawana a le 15 a Basupi kwa Turkey a sekisiwa gangwe le gape ka ntlha ya go sa tsenele bosole.

‘Ke Tshwanetse go Reetsa Segakolodi sa Me’

“Ga ke dumele gore Puso e e maatla e tshwanetse go mpateletsa go dira dilo kgatlhanong le segakolodi sa me se se thapisitsweng ka Baebele le mafoko a a tlhotlheleditsweng ke Modimo a a mo go Isaia 2:4, [a] ke dumelang gore ke tshwanetse go a ikobela.” Temana eno e e itsiweng thata, e e gabilweng mo lejeng le le fa pele ga ntlokgolo ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa New York City, e bontsha gore batho ba ba kgatlhanong le ntwa ba tla ‘thula ditšhaka ba di dira magale a megoma mme ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.’ Ka mafoko ano, Feti Demirtaş, moagi wa kwa Turkey yo ka nako eo a neng a na le dingwaga di le 25, o ne a tlhalosa lebaka la go bo a ne a iketleeleditse go latlhegelwa ke kgololesego ya gagwe le go ya kgolegelong go na le go tsenela bosole. E re ka Feti e le Mosupi wa ga Jehofa, o dumela gore o tshwanetse go reetsa segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele. Ka ntlha ya seo, Feti o sekisitswe makgetlo a le lesome le go tsenngwa mo kgolegelong sebaka se se fetang ngwaga le sephatlho.

Fa Feti a ne a tshwarwa lekgetlo la ntlha, sajene o ne a mo laela gore a apare diaparo tsa sesole mme o ne a gana—a tlhopha go ikobela segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele. Go tswa foo, molaodi wa lekala la sesole o ne a tlisa Feti fa pele ga banna ba le 400 mme a mo laela gore a apare diaparo tsa sesole. O ne a gana gape. Fa a ne a tshwerwe lekgetlo la ntlha, badisa ba kgolegelo ba ne ba mo kgoba ka mafoko, ba mo raga mo tlhogong, mo magetleng, mo maotong le go mo faphola mo sefatlhegong.

Fa Feti a ne a tshwarwa lekgetlo la botlhano a bo a tsenngwa mo kgolegelong ka Moranang 2006, badisa ba kgolegelo ba ne ba mo pateletsa gore a apole mme a sale fela ka borokgwana jwa kafa teng gore a apare diaparo tsa sesole. Fa a ne a gana go di apara, ba ne ba mo otlhaya ka go mo tsenya mo dikampeng tsa magolegwa a sesole malatsi a le manè. Ka maiteko a go koafatsa maikemisetso a gagwe, ba ne ba mo golega ka dihakaboye mo bolaong bosigo le mo paleng ya tshipi motshegare. Feti a re, “Motshegare ke ne ke nna ke tshogile mme bosigo ke ne ke sa robale ka ntlha ya se se neng se ntiragalela, le go boifa gore ba tla ntirang gape. Le fa ke ne ke setse ke ole mowa ka ntlha ya go tshwarwa makgwakgwa, ke ne ka nna ke ikemiseditse go reetsa segakolodi sa me.”

Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e Tsereganya mo Kgannyeng Ya go Sa Tsenele Bosole

Ka 2007, Feti Demirtaş o ne a isa kgetsi ya gagwe kwa ECHR, a re puso ya Turkey e gatakile ditshwanelo tsa gagwe ka go mo tsenya mo kgolegelong ka gonne a sa tsenele bosole. Ka Ferikgong 17, 2012, ECHR e ne ya ema mo letlhakoreng la gagwe e bolela gore Feti o ne a tshwerwe makgwakgwa, mo go neng ga mmakela botlhoko le pogo. Mo godimo ga moo, Kgotlatshekelo e ne ya tlhomamisa fa tshwanelo ya go sa tsenele bosole ka ntlha ya bodumedi e le tshwanelo e e sirelediwang ke Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. *

Fa Kgotlatshekelo e sena go tlhalosa sentle kgang ya go sa tsenele bosole, Feti o ne a lebeletse gore balaodi ba Turkey ba tla kgaotsa go nna ba mo sekisa. Tota e bile, ECHR e ile ya laela puso ya Turkey gore e mo duele madi a ditshenyegelo a a kana ka 20 000 euros (R292 353). Le fa go ntse jalo, dikgwedi di le nnè fela morago ga gore ECHR e dire tshwetso mo kgetsing ya Feti Demirtaş v. Turkey, Kgotlatshekelo ya Sesole sa Turkey e ne ya mo atlholela go tsenngwa mo kgolegelong dikgwedi di le pedi le sephatlho ka go bo a ganne go tsenela bosole. Feti o ne a ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Sesole mme kgetsi eo e sa ntse e tla sekasekiwa.

Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya UN le Yone e Ema Nokeng Tshwanelo ya go Gana Bosole ka Ntlha ya Segakolodi

Turkey gape e ne ya itlhokomolosa ditaelo tsa Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya UN. Ka 2008, Basupi ba le babedi, Cenk Atasoy le Arda Sarkut, ba ne ba isa dingongorego tsa bone kwa Komiting eo, ba re balaodi ba Turkey ba gatakile ditshwanelo tsa bone ka go ba sekisa kgapetsakgapetsa ka ntlha ya go bo ba sa tsenele bosole. Mo Ditumalanong tse di dirilweng ka Mopitlwe 29, 2012, Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya UN e ne ya re banna bano “ba ganne go tsenela bosole ka ntlha ya bodumedi jwa bone,” mme “go sekisiwa ga bone ka ntlha ya seno le go atlholwa ke go gataka kgololesego ya bone ya segakolodi, gape go kgatlhanong le molawana 18, serapa 1, wa [Kgolagano ya Boditšhabatšhaba Kaga Ditshwanelo Tsa Baagi le Tsa Dipolotiki].”

Balaodi ba Turkey ba tsibogetse jang ditaelo tseno tse di tlhamaletseng? Ba sa ntse ba lebeletse gore banna bano ba ba sa tseneleng bosole ba tle go dira tirelo ya sesole fa ba bidiwa morago ga dikgwedi dingwe le dingwe di le nnè * kgotsa ba sekisiwe ba bo ba duedisiwa madi a kotlhao.

Basupi ba ga Jehofa kwa Turkey ba ikemiseditse go tshela ka molao wa Baebele wa go rata mongwe ka bone. Ka nako ya fa balaodi ba Turkey ba biletsa batho bosoleng, Mosupi mongwe le mongwe o tshwanetse go dira tshwetso ya gore o tla arabela jang. Feti Demirtaş le Basupi ba bangwe ba dumela gore go tshola dibetsa go kgatlhanong le molao wa Baebele le segakolodi sa bone.

Makawana ano a lebeletse gore puso ya bone e dire dilo go dumalana le maitlamo a yone a semolao. ECHR le Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya UN di solofela gore Turkey e tla ikobela ditshwetso le dipatlisiso tsa mekgatlho ya tsone, mme seo se dire gore balaodi ba Turkey ba tseye tsia tshwanelo ya batho ya go sa tsenele bosole. Go fitlha seo se direga, Turkey e tla bo e ntse e le kgatlhanong le molao wa Lekgotla la Yuropa wa go tsaya tsia tshwanelo eo e e botlhokwa.

^ ser. 10 Eno e ne e se katlholo ya ntlha ya ECHR kgatlhanong le Turkey ka kgang ya go sa tsenele bosole. Ka Ngwanatsele 2011, Kgotlatshekelo e ne ya ema mo letlhakoreng la Mosupi yo mongwe wa kwa Turkey, Yunus Erçep, yo mo dingwageng di le 14 a neng a bonwa molato makgetlo a le 41 ka gonne a ne a gana go tsenela bosole.

^ ser. 14 Bosheng jaana, puso e biletsa batho go tsenela bosole morago ga dikgwedi dingwe le dingwe di le tharo.