Fetela kwa tshedimosetsong

AUGUST 27, 2014
Turkmenistan

Mmangwana o Atlholelwa go ya Kgolegelong Kwa Turkmenistan Mme A se Na Molato

Mmangwana o Atlholelwa go ya Kgolegelong Kwa Turkmenistan Mme A se Na Molato

Mo lefelong le le neng le dirisiwa jaaka kgotlatshekelo kwa Dashoguz, Turkmenistan, Bibi Rahmanova wa dingwaga di le 33 o ne a direlwa tshiamololo fa Moatlhodi Gagysyz Orazmuradov a ne a mo atlholela go ya kgolegelong ka ntlha ya ditatofatso tsa maaka. Ka August 18, Bibi yo o nang le ngwana wa dingwaga di le nnè, o ne a bonwa molato wa go “keteka lepodise” le wa go “gana go latela ditaelo tsa modiredi wa semolao.” * Moatlhodi o ne a mo atlhola setlhogo, dingwaga di le nnè mo kgolegelong.

O Tshwerwe Kwa Seteisheneng sa Diterena

Mathata a ga Bibi a simologile mo bosigong jwa July 5, 2014, fa ene le mogatse e bong Vepa Tuvakov le morwaabone ba ne ba ya kwa seteisheneng sa diterena kwa Dashoguz. Ba ne ba ile go tsaya dikgatiso tsa bodumedi le dilo tse dingwe tse ba neng ba di romeletswe ke tsala ya bone ya kwa Ashgabad. Fela fa ba sena go tsaya dilwana tsa bone, banna ba mapodise ba le barataro ba ba neng ba sa apara diaparo tsa sepodise ba ne ba ba tshwara mme ba phuruphutsa dibeke tsa bone. Fa mapodise ano a bona laptop le dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa, a ne a goa a ba tlhapatsa le go ba tshosetsa ka go re go ise go ye kae ngwana wa bone e tla nna khutsana.

Bibi o ne a rekota tiragalo eo ka founo ya gagwe mme e rile mapodise a leka go e tsaya mo go ene o ne a tsenya mo bolaoseng. Mapodise ano a ne a mo goga ka moriri, a mo raga le go mo keteka mme go tswa foo a mo tshwara. Fa mapodise a ntse a mo tshwere, lepodise lengwe le ne la tsholetsa bolaose jwa ga Bibi mme la mo tshwara ka tsela e e sa tshwanelang fa le ntse le leka go tsaya founo mo go ene. Le fa Bibi a ne a itshireletsa mo mapodiseng ano, ga a ka a gana fa ba mo tshwara e bile ga a ka a keteka lepodise lepe.

Bibi le Vepa ba na le morwaabone

Go tswa foo, mapodise a ne a isa boorra Tuvakov kwa seteisheneng sa mapodise. Vepa o ne a patelediwa go saena setlankana sengwe mme o ne a gana. Mapodise a ne a nnela go mo itaya fa Bibi le morwaabone ba le mo phaposing e nngwe. Le fa go ntse jalo, Vepa o ne a nna a gana. Bibi le ene o ne a gana go saena setlankana seo mme le ene a itewa. Bibi le morwawe ba ne ba ladiwa mo kgolegelong mme letsatsi le le latelang ba ne ba gololwa. * Bibi o ne a isa ngongorego kwa balaoding ba Turkmenistan mme ga felela ka gore Vepa a gololwe morago ga malatsinyana ka July 11. Go ise go ye kae, mapodise a toropokgolo ya Dashoguz a ne a simolola go dira dipatlisiso kgatlhanong le Bibi le mogatse.

Go Tshwarwa le go Sekisiwa

Ka August 6, Bibi o ne a latofadiwa, a tsenngwa mo kgolegelong ka August 8, mme a sekisiwa ka August 18. Mo tshekong, Moatlhodi Orazmuradov o ne a bontsha sentle gore o tsaya letlhakore. Gangwe le gape o ne a tsena mmueledi wa ga Bibi ganong fa a leka go mmuelela. Bosupi jwa mapodise bo ne bo sa dumalane mme moatlhodi o ne a gana mmueledi wa ga Bibi a ba botsolotsa. Gape moatlhodi yono o ne a gana Vepa a tlhalosa tsela e e makgwakgwa e mapodise a neng a tshwere Bibi ka yone a bo a gana go reetsa ditiragalo tsa nako eo tse Bibi a neng a di rekotile. Moatlhodi yono o ne a bona Bibi molato mme a mo atlholela dingwaga di le nnè mo kgolegelong.

Bibi o tshwanetse go dira boikuelo ka August 28 mme go fitlha ka nako eo o tla nna mo kgolegelong ya DZD-7. Fa boikuelo jwa gagwe bo sa sekegelwe tsebe o tla isiwa kwa kgolegelong ya dikebekwa, gongwe e e kwa sekakeng sa Seydi. Ga a kitla a nna le kgololesego ya go tshela ka tsela e a e batlang e bile ga a kitla a nna le tshono ya go godisa ngwana wa gagwe.

Le fa gone Vepa a ise a bonwe molato, go ka direga gore a sekisiwe ka ditatofatso tsa maaka mme a atlholelwe kgolegelo. Fa seno se ka direga, morwaabone o tla sala a se na batsadi. Ga go na mabaka a gore ba direlwe tshiamololo e e ntseng jalo.

Boikuelo Jwa go Direlwa Tshiamiso

Naga ya Turkmenistan e na le hisitori ya go sotla Basupi ba ga Jehofa le go gataka ditshwanelo tsa bone. Basupi ba ga Jehofa le batho ba bangwe ba ba tlotlang ditshwanelo tsa batho, ba lebeletse gore puso ya Turkmenistan e baakanye tshiamololo eno.

^ ser. 2 Motho yo o ganang go latela ditaelo tsa modiredi wa semolao a ka atlholelwa dingwaga di ka nna tlhano kwa kgolegelong.

^ ser. 6 Morwaabone o ne a gololwa ka July 6 mo mosong mme a isiwa kwa go mongwe wa ba losika mme Bibi o ne a gololwa moragonyana mo letsatsing leo.