Fetela kwa tshedimosetsong

Turkmenistan

Dintlha ka Turkmenistan

Dintlha ka Turkmenistan

Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba le teng kwa Turkmenistan fa e sa le ka bo1980. Fa Turkmenistan e nna naga e e ikemetseng ka October 1991, e ne ya simolola go thibela batho go dira ditiro tsa bodumedi.

Basupi ba ga Jehofa ga ba a kwadisiwa semolao kwa Turkmenistan. Basupi bangwe ba ile ba itewa botlhoko, ba tshwarwa, matlo a bone a phuruphutshiwa, ba tsenngwa mo kgolegelong le go laelwa gore ba duele madi a mantsi ka gonne ba bua le batho ka dilo tse ba di dumelang. Ka dinako tse dingwe, ba ile ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go bo mapodise a ile a ba latofatsa ka maaka. E re ka Turkmenistan e sena ditiro tse dingwe tse motho a ka di dirang fa a sa batle go tsenela bosole, makawana a Basupi a a sekisiwa le go atlholwa botlhoko. Seo se ile sa dira gore Basupi ba ga Jehofa ba ikuele kwa Komiting ya Ditshwanelo Tsa Batho ya UN le kwa mekgatlhong e mengwe ya boditšhabatšhaba.

Ka October 2014, Moporesidente wa Turkmenistan o ne a laela gore Basupi ba le robedi ba ba neng ba tshwerwe ka ntlha ya ditatofatso tsa maaka, ba gololwe. Basupi ba ile ba leboga puso ya Turkmenistan fela thata ka ntlha ya seo. Ba solofela gore puso e tla tsaya dikgato tse dingwe gape go sireletsa tshwanelo ya batho ya go itlhophela bodumedi.