Fetela kwa tshedimosetsong

MAY 16, 2017
Turkmenistan

Mansur Masharipov o Gololwa mo Kgolegelong Kwa Turkmenistan

Mansur Masharipov o Gololwa mo Kgolegelong Kwa Turkmenistan

Ka May 12, 2017, badiredi ba puso ya Turkmenistan ba ile ba golola Mansur Masharipov mo kgolegelong. O itumeletse go boa a kopana le ba lelapa la gagwe morago ga go fetsa ngwaga mo kgolegelong.

Rre Masharipov o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka gonne segakolodi sa gagwe se ne se sa mo letle go tsenela bosole. Ka May 2004, kgotlatshekelo ya Dashoguz e ne ya mo atlholela dikgwedi di le 18 mo kgolegelong ya Seydi e e tumileng ka go sotla batho, go ba tima dijo le ka malwetse. O ne a lwala thata le fa gone a goletswe ka gonne puso e ile ya mo itshwarela ka May 2005. Ka July 2014, mapodise a ne a tsena mo ntlong ya gagwe, ba e phuruphutsha le go tsaya dikgatiso tsa gagwe tsa Baebele. Fa Rre Masharipov a letetse go seka, mapodise a ile a mo itaya makgetlo a le mantsi, a mo tlhokofatsa le go mo tshosetsa, go tswa foo a ne a mo isa kwa lefelong lengwe gore ba mo tlhabe ka diritibatsi. Seo se ile sa dira gore a lwale le gore a swe ditokololo. E re ka Rre Masharipov a ne a tshaba gore ba tla mmolaya o ile a ngwega mo kgolegelong go fitlha a tshwarwa gape ka June 30, 2016.

Basupi ba ga Jehofa ba itumetse ka gonne Rre Masharipov a golotswe mo kgolegelong. Mme gone, ba tshwenyegile thata ka tsela e e setlhogo e puso ya Turkmenistan e dirang dilo ka yone go leka go thibela Basupi go dira ditiro tsa bodumedi jwa bone. Gape Basupi ba ntse ba leka ka thata go golola Bahram Hemdemov mo kgolegelong. O simolola ngwaga wa boraro jaanong a ntse a le mo kgolegelong kwa kampeng ya Seydi ka gonne a ile a etelela pele setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba kopanela kwa ntlong ya gagwe go obamela Modimo.