Fetela kwa tshedimosetsong

JULY 25, 2017
Ukraine

Badiredipuso ba Etela Ofisi ya Basupi ba ga Jehofa e e Kwa Ukraine

Badiredipuso ba Etela Ofisi ya Basupi ba ga Jehofa e e Kwa Ukraine

LVIV, Ukraine—Ka May 2, 2017, ofisi ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa Ukraine e ile ya laletsa batho gore ba tle go bona dikago tsa bone. Seno ke go naya puso, baagi, ditheo tsa thuto le borrakgwebo tshono ya go bona tiro e e dirwang kwa ofising eno.

Go ne go na le lefelo le le neng le diretswe bana.

Go ile ga rulaganngwa mafelo a baeng ba rona ba ka a bonang go akaretsa ditshwantsho le bidio e e tlhalosang tiro e e dirwang mo ofising, musiamo o o bontshang hisitori ya Basupi ba ga Jehofa mmogo le lefelo le bana ba ka le bonang. Mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Ukraine e bong Ivan Riher a re: “Labofelo fa re ne re laletsa batho go tla go bona lefelo la rona e ne e le ka 2001. Mo Ukraine, re itsiwe thata ka tiro ya rona ya go etela batho mo matlong a bone go ya go ba ruta Baebele mme re ne re batla gore ba tle go bona diofisi tsa rona le se re se dirang go thusa setšhaba.”

Batho ba ne ba ithuta ka hisitori ya Basupi ba ga Jehofa ba kwa Ukraine.

Mookamedi wa Lefapha la Dikgang Tsa Bodumedi le Setšhaba e bong Andriy Yurash.

Mookamedi wa Lefapha la Dikgang Tsa Bodumedi le Setšhaba e bong Andriy Yurash o ne a re: “Se bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa bo se dirang ke sekao se sentle se se bontshang diphelelo tse di nnang gone fa go na le tirisanommogo fa gare ga bodumedi le batho ka kakaretso.”

Monongwaga, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Cameroon le ba ba kwa ntlokgolong e e kwa Warwick, New York ba ile ba laletsa batho gore ba tle go bona diofisi tsa bone.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa Ntlokgolong: David A. Semonian wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Ukraine: Ivan Riher mo nomorong ya +38-032-240-9323