Fetela kwa tshedimosetsong

Ukraine

Dintlha ka Ukraine

Dintlha ka Ukraine

Go setse go fetile dingwaga di feta lekgolo Basupi ba ga Jehofa ba le teng kwa Ukraine. Ba ne ba kwadisiwa semolao ka February 28, 1991 pele Ukraine e nna naga e e ikemetseng.

Puso ya Banasi le ya Soviet di ne di bogisa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Ukraine. Ka April 8, 1951, puso ya Soviet e ne ya isa Basupi ba feta 6 100 go tswa kwa bophirima jwa Ukraine go ya kwa Siberia. Seemo se ne sa fetoga ka June 1965 fa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Ukraine e ne e ntsha katlholo ya gore dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa e ne e le tsa bodumedi e seng tsa boepapuso. Mapodise a ne a emisa go tshwara batho ba ba neng ba bala dikgatiso tsa Basupi mme gone ba ne ba tswelela ba tshwara Basupi ba ba neng ba bua le batho ka dilo tse ba di dumelang. Ka September 1965, puso ya naga eo e ne ya ntsha taelo ya gore Basupi botlhe ba ba neng ba isitswe kwa dikampeng tsa pogisetso kwa Siberia ka 1951 ba itshwarelwe, mme bontsi jwa bone ba ne ba sa letlelelwa go boela kwa ba neng ba nna teng pele. Basupi ba ne ba tswelela ba bogisiwa botlhoko go fitlha ka bo1980.

Gone jaanong Basupi ba ga Jehofa ba na le kgololesego ya go kopana go tla go obamela Modimo e bile ba kgona go rerela batho ba bangwe ba sa tshwenngwe ke mapodise. Le fa go ntse jalo, go na le batho ba ba sa ntseng ba tlhasela Basupi. Mapodise ga a dire sepe go sireletsa Basupi kgatlhanong le ditlhaselo tseo e bile ga a tshware batho ba ba senyang matlo le mafelo a Basupi ba kopanelang kwa go one. Seo se dirile gore batho bano ba tswelele ka dilo tseno ka gonne ba itse gore ga ba kitla ba tshwarwa. Mme dikhuduego tse di kwa botlhabeng jwa naga eo le tsone di dirile gore Basupi ba tlhaselwe le go feta.