Fetela kwa tshedimosetsong

FEBRUARY 13, 2015
Ukraine

Diholo Tsa Bogosi di a Gapiwa Kwa Ukraine

Diholo Tsa Bogosi di a Gapiwa Kwa Ukraine

Kgaolo ya Donetsk

HORLIVKA—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole.

  • Kwa bowelong jwa June 2014, banna ba ba tlhometseng ba ne ba ba tlhasela Holo ya Bogosi ba bo ba utswa didirisiwa tsa ileketeroniki le go itsenyetsa dilloko tse disha. Mme ba thibeletse mo go yone.

Toropo ya Horlivka 75 Akademika Koroliova St.

HORLIVKA—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole.

  • Ka July 5, 2014, banna ba ba tlhometseng ba ne ba gapa Holo ya Bogosi. Ba thibeletse mo go yone gape ba beile dibetsa tsa bone mo go yone. Ba ne ba tswa mo go yone ka September 2014. Mme Basupi ba boetse gape mo go yone.

  • Ka October 12, 2014, banna ba ba tlhometseng ba ne ba tsena mo Holong Basupi ba tsweletse ka kobamelo. Ba ne ba re kereke ya Orthodox ke yone fela e letleletsweng mo kgaolong eno le gore mo bogautshwaneng “ba tla fedisa Basupi ba ga Jehofa botlhe.” Banna bano ba thibeletse mo Holong ya Bogosi.

Toropo ya Donetsk 10 Karamzina St.

DONETSK—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole.

  • Ka August 13, 2014, banna ba ba tlhometseng ba ne ba tlhasela Holo ya Bogosi ba bo ba thibelela mo go yone.

  • Ka August 19, 2014, banna bano ba ne ba utswa dipikara le dimaekerofouno fela ba bo ba tsamaya. Basupi ba ne ba boela mo go yone.

  • Ka October 18, 2014, morago ga tirelo ya Basupi, baemedi ba masole a Fourth Oplot ba ne ba tsena mo Holong ya Bogosi ba bo ba bolelela ba ba neng ba le gone gore ba gapa Holo.

  • Ka November 18, 2014, banna ba ba tlhometseng ba ne ba pateletsa Basupi gore ba saene dipampiri tsa gore ba aba Holo ya Bogosi le gore ba e neela ofisi ya molaodi wa masole wa dikgaolo tsa Petrovskyi le Kirovskyi. Banna bano ba ne ba thibelela mo Holong ya Bogosi.

Toropo ya Horlivka 4 Hertsena St.

HORLIVKA—Holo ya Bogosi e gapiwa ke baagi.

  • Ka September 30, 2014, beng ba basha ba Holo ya Bogosi ba ne ba botsolodiwa mo thelebisheneng morago ga go gapa Holo le go e dirisetsa go tshwara sekolo sa mabole. Fa e sa le ka 2013, Holo eno e ntse e senngwa le go jewa ka molelo mme la bofelo fa ba ne ba leka go e fisa e ne e le ka June 5, 2014.

DONETSK—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole.

  • Ka October 26, 2014, banna ba ba tlhometseng ba sesole sa Shakhtar ba ne ba gapa Holo ya Bogosi ba bo ba thibelela mo go yone.

Toropo ya Zhdanivka 14 Komsomolska St

ZHDANIVKA—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole.

  • Ka October 27, 2014, molaodi wa masole a Horlivka o ne a laela masole a gagwe gore a ye go gapa Holo ya Bogosi. Motlatsa molaodi o ne a re kereke ya Orthodox ke yone fela e e letleletsweng le gore dikereke tse dingwe tsotlhe di thibetswe.

  • Ka November 21, 2014, molaodi wa setlhopha se se sengwe sa masole o ne a raya Basupi ba ga Jehofa a re masole a gagwe a tlile go gapa Holo ya Bogosi.

Motse wa Telmanove 112 Pervomaiska St.

TELMANOVE—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole.

  • Ka November 4, 2014, banna ba ba tlhometseng ba ne ba gapa Holo ya Bogosi ba bo nna ba e disitse.

  • Ka December 11, 2014, banna bano ba ne ba thibelela mo Holong ya Bogosi ba bo ba baya dibetsa tsa bone mo go yone.

Toropo ya Makiivka 17 Pecherska St.

MAKIIVKA—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole mme moragonyana a e phuaganya.

  • Ka November 5, 2014, banna ba tlhometseng ba sesole sa Rus ba ne ba gapa Holo ya Bogosi. Ba ne ba pateletsa Basupi gore ba ba neye dilotlolo le gore ba se ka ba tlhola ba boa. Letsatsi le le latelang, molaodi wa masole o ne a ntsha boto ya Holo ya Bogosi a bo a ba ya folaga ya sesole.

  • Ka November 26, 2014, masole ano a ne a tswa mo Holong.

HORLIVKA—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole mme moragonyana a e phuaganya.

  • Ka November 29, 2014, banna ba ba tlhometseng ba ne ba tlhasela Holo ya Bogosi ba bo ba itsise Basupi ba ba neng ba le gone gore ba tlile go gapa Holo. Mongwe wa banna bano o ne a re kereke ya Orthodox ke yone fela e e letleletsweng. Holo e ne e nna e disitswe e bile go twe Basupi ba se ka ba tlhola ba boa. Letsatsi le le latelang, ba ne ba tswa mo Holong.

Toropo ya Zuhres 1 Cherniakhovskoho St.

ZUHRES—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole.

  • Ka December 20, 2014, molaodi wa toropo eno o ne a itsise gore ba gapa Holo ya Bogosi. O ne a pateletsa Basupi gore ba mo neye dilotlolo a bo a ba raya a re ba tsamaele ruri.

DONETSK—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole.

  • Ka February 1, 2015, banna ba ba tlhometseng ba ne ba tsena mo Holong ya Bogosi. Ba bo ba pateletsa Basupi gore ba saene dipampiri tsa gore ba aba Holo ya Bogosi le gore ba e neela masole gore a thibelele mo go yone go fitlha ntwa e fela.

YENAKIEVE—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole.

  • Ka March 3, 2015, banna ba ba tlhometseng ba ne ba pateletsa Basupi ba ga Jehofa gore ba ba neye dilotlolo tsa Holo ya Bogosi gore ba thibelele mo go yone.

Kgaolo ya Luhansk

Toropo ya Antratsyt 4 Komunarska St.

ANTRATSYT—Holo ya Bogosi e gapiwa ke baagi.

  • Ka September 2014, Holo ya Bogosi e ne ya tlhaselwa gabedi ke batho ba ba sa itseweng. Ba ne ba utswa didirisiwa tsa ileketeroniki ba bo ba kwala jaana mo loboteng, “Orthodox Cossacks!”

  • Ka September 25, 2014, seteishane sa thelebishene se ne sa bega gore Diholo Tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa di gapetswe go dirisediwa ditiro dingwe, tse di jaaka dikeretšhe.

Toropo ya Rovenky 84-A Dzerzhynskoho St.

ROVENKY—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole.

  • Ka September 23, 2014, banna ba ba tlhometseng go tswa kwa bosoleng jwa St. George, ba ne ba tlhasela Holo ya Bogosi ba bo ba re Basupi ba se ka ba tlhola ba boa. Ba ne ba thibelela mo go yone.

PEREVALSK—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole.

  • Ka November 5, 2014, banna ba ba tlhometseng ba ba neng ba eteletswe pele ke mothusa molaodi wa ofisi ya sesole, ba ne ba tsena mo Holong ba bo ba bolela Basupi gore ba a e gapa le gore e tlile go nna ntlo ya bojelo. Mothusa molaodi o ne a re, “Go fedile ka Basupi ba ga Jehofa.” O ne a ba bolelela gore ga ba ka ke ba tlhola ba kgona go dira sepe sa bodumedi.

Toropo ya Krasnyi Luch 37 Radianska St.

KRASNYI LUCH—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole.

  • Ka December 5, 2014, banna ba ba tlhometseng ba ne ba tlhasela Holo ya Bogosi. Ba ne ba nna ba e disitse e bile ba phaka dikoloi tsa bone tsa sesole mo jarateng ya Holo.

    BRIANKA—Holo ya Bogosi e gapiwa ke masole.

  • Ka March 26, 2015, banna ba ba tlhometseng ba ne ba tlhasela Holo eno ya Bogosi. Ba ne ba ntsha dilo tsotlhe gape ba ntsha boto ya Holo ya Bogosi ba bo ba tsenya ya bone e e reng, “The Almighty Don Host.”