Fetela kwa tshedimosetsong

Basupi ba ga Jehofa ba kwa Ukraine ba kgona go tshwara dipokano mo mafelong a ba a hirileng

MARCH 24, 2017
Ukraine

Kgotlatshekelokgolo ya Ukraine e Buelela Kgololesego ya Bodumedi

Kgotlatshekelokgolo ya Ukraine e Buelela Kgololesego ya Bodumedi

Ka September 8, 2016, Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya kwa Ukraine e ile ya tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ba na le tshwanelo ya go kopana mmogo go tla go obamela Modimo mme badiredi ba puso ga ba a tshwanela go ba tshwenya. Kgotlatshekelo eo e ile ya phimola Molao wa Ukraine wa 1991 o o buang ka Kgololesego ya go Itlhophela le ya Bodumedi o o tlhalosang gore mekgatlho ya bodumedi e tshwanetse go kopa “tetla” mo pusong pele maloko a yone a kopana go tla go tshwara kopano mo mafelong a a hirilweng. Kgotlatshekelo eo e ile ya tlhalosa gore molao oo wa 1991 ga o dumalane le molaotheo wa naga ka gonne o gataka ditshwanelo tsa batho. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itumelela tshwetso eo ka gonne ba nnile le mathata fa ba leka go renta mafelo a ba ka tshwarelang dikopano mo go one.

Badiredi ba Puso ba Gana go Naya Basupi Tetla ya go Tshwara Dikopano Tsa Bone

Fa e sa le molao oo o nna gone, badiredipuso bangwe ba ile ba o dirisa ka tsela e e sa tshwanelang go phimola dikonteraka tse Basupi ba neng ba di saenile le beng ba dikago tse ba neng ba tshwarela dikopano mo go tsone. Seo se ile sa direga ka letlhabula ka 2012 fa Basupi ba kwa bokonebotlhaba jwa Ukraine ba ne ba rulagantse go tshwara kopano ya malatsi a le mararo kwa toropong ya Sumy. Basupi ba ne ba setse ba saenile konteraka le mmasepala ba kopa go dirisa setadiamo sa bone e bile go ne go setse go dirilwe dithulaganyo tsa go tshwara kopano eo. Basupi ba ile ba latela molao ka go itsise mmasepala ka kopano eo. Go tswa foo, kgwedi pele kopano eo e simologa, Khansele ya Toropo ya Sumy e ne ya re go ya ka molao o o malebana le Bodumedi, Basupi ba ne ba sa tshwanela go ba itsise fela gore ba batla go tshwara kopano mo setadiamong seo go na le moo ba ne ba tshwanetse go kopa tetla ya go dira jalo.

Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tshwanelwa ke go rulaganya go ya go tshwarela kopano kwa toropong ya Kharkiv e e sekgala sa dikilometara di ka nna 200 go tswa kwa Sumy. Seo se ne se raya gore Basupi ba feta 3 500 ba ne ba tshwanelwa ke go dira dithulaganyo tse dingwe ka ponyo ya leitlho. Ba le bantsi ga ba a ka ba kgona go ya kopanong kwa Kharkiv ka gonne ba tsofetse kgotsa ba lwala. Ba bangwe ga ba a ka ba kgona ka gonne ba ne ba se na nako e e lekaneng ya go kopa bathapi ba bone gore ba ba letle kgotsa ka gonne ba se na madi a go ya kwa Kharkiv. Mo ngwageng o o latelang, Khansele ya Toropo ya Sumy e ne ya dirisa molao oo gape go gana go naya Basupi tetla ya go tshwara kopano kwa setadiamong.

Illia Kobel wa kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Lviv o ne a re: “Ga se lekgetlo la ntlha ba gana gore re tshwarele kopano mo Sumy. Ke makgetlo jaanong re ntse re kopana le bothata jwa gore batho ba gana go re hirisetsa dikago gore re tshwarele dikopano mo go tsone.” Ka sekai, ka March 2012, badiredi ba toropo ya Vinnytsia ba ile ba gana gore Basupi ba tshware kopano mo holong e ba neng ba e hirileng mme seo se ile sa dira gore Basupi ba tshwanelwe ke go rulaganya lefelo le lengwe mo metsotsong ya bofelo. Dikgwedi di le mmalwa morago ga moo, badiredipuso ba ile ba gana go letla phuthego ya kwa Mohyliv-Podilskyi gore e tshware dipokano tsa bone tsa beke le beke mo lefelong le go fetileng dingwaga di le tharo ba le dirisa. Phuthego eo e ne ya tshwanelwa ke go dirisa matlo a bone ka gonne go ne go se na lefelo le ba ka kopanelang mo go lone.

Bosheng jaana ka February 2015, Ofisi ya Botsamaisi jwa Kgaolo ya Vinnytsia e ne ya latofatsa Basupi ba ga Jehofa ka gore ba tlodile molao makgetlo a le mantsi thata. Ofisi eo e ne e re Basupi ba ne ba tshwanetse go kopa tetla ya go tshwara dipokano mo mafelong ape fela a ba batlang go a dirisa.

Basupi ba Leka go Rarabolola Melao Eno e e Ganetsanang

Bosheng jaana Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba tshwarela dipokano tsa bone mo matlong mme puso e ntse e se na bothata ka kgang eo. Mme mathata a tlhaga fa ba tshwanelwa ke go renta dikago tse dikgolo gore ba tshwarele dikopano mo go tsone. Molaotheo wa naga ya Ukraine o letla mekgatlho ya bodumedi gore e tshware dikopano tsa yone fa fela ba itsisitse puso nako e sa ntse e le teng. Rre Kobel o ne a re: “Bothata bo ne bo bakwa ke gore Molao o o buang ka Bodumedi o ne o sa tsamaisane le molaotheo wa naga ka gonne molaotheo ga o re tshwanetse go kopa tetla mo badireding ba puso. Re ile ra leka go rarabolola bothata jono ka go romela kopo kwa Khomisheneng ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Palamente ya Ukraine gore e sekaseka bothata jono.”

Tiro ya Khomishene eno ke go netefatsa gore molao le molaotheo wa naga ya Ukraine o a latelwa. Khomishene eno e ne ya sekaseka kopo ya Basupi ba ga Jehofa mme ya fitlhela gore ba ne ba bua boammaaruri. Molaotheo wa naga wa re mokgatlho wa bodumedi o tshwanetse go itsise badiredipuso nako e sa ntse e le teng gore ba rulaganya go tshwara kopano mo lefelong lengwe le ba le hirileng. Mme Molao o o buang ka bodumedi o thibela mekgatlho ya bodumedi go tshwara kopano mo lefelong le le hirilweng ntle fela le fa mokgatlho oo o kopile tetla mo pusong malatsi a le lesome pele ba tshwara kopano ya bone.

Ka October 26, 2015, Khomishene eo e ile ya kopa Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya Ukraine gore e phimole molao oo. Khomishene e ile ya tlhalosa gore molaotheo o letla baagi ba naga gore ba tshware dikopano tsa bone. E ne ya re: “Puso ga ya tshwanela go baya melao e e ka feleletsang e gatakile ditshwanelo tsa batho.” Basupi ba ga Jehofa ba kwa Ukraine le bone ba ile ba kwalela Kgotlatshekelo ya Molaotheo ba tlhalosa mathata a ba ileng ba kopana le one fa ba leka go hira dikago gore ba tshwarele dikopano mo go tsone.

Kgotlatshekelo ya Molaotheo e Phimola Molao

Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ile ya dira tshwetso ka September 8, 2016, mme ya tlhalosa gore ga go a tshwanela go nna le molao ope o o thibelang batho go kopana mmogo fa ba setse ba itsisitse badiredi ba puso nako e sa ntse e le teng. Gape e ile ya nopola Molawana 9 wa Pokano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho o o tlhalosang gore batho ba na le tshwanelo ya go itlhophela bodumedi le Molawana 11 o o tlhalosang gore batho ba na le tshwanelo ya go kopana mmogo ntle le gore puso e itshunye nko mo dikgannyeng tsa bone. Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ile ya phimola Karolo 5 ya Molawana 21 wa 1991 o o neng o pateletsa mekgatlho ya bodumedi gore e kope tetla mo pusong pele e tshwara dikopano mo mafelong a a hirilweng.

Basupi ba Amogela Tshwetso Eo

Badiredi ba puso ga ba tlhole ba na le dithata tsa go gana go letla batho gore ba kopane mmogo go dira ditiro tsa bodumedi jwa bone. Go ya ka molaotheo, Basupi ba tshwanetse go itsise puso nako e sa ntse e le teng gore ba rulaganya go renta lefelo le le rileng gore ba tshware kopano mo go lone mme puso ga e kgone go gana.

Rre Kobel yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa ba feta 140 000 kwa Ukraine a re: “Tshwetso eno ya bosheng ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo e bontsha gore re na le tshwanelo ya semolao ya go tshwara dikopano tsa rona. Re itumelelela gore puso ga e tlhole e kgona go re thibela go renta mafelo a re batlang go tshwarela dipokano mo go one.”