Fetela kwa tshedimosetsong

JUNE 8, 2015
Ukraine

Kgotlatshekelo ya Ukraine e Tsaya Tsia Tshwanelo ya go Gana go Tsenela Bosole

Kgotlatshekelo ya Ukraine e Tsaya Tsia Tshwanelo ya go Gana go Tsenela Bosole

Ka 2014, ntwa le dikhuduego tsa kwa botlhaba jwa Ukraine di ne tsa dira gore moporesidente wa Ukraine a ntshe taelo ya gore go rulaganngwe dibetsa tsa ntwa le masole. Vitaliy Shalaiko yo e kileng ya nna lesole mme jaanong e le Mosupi wa ga Jehofa, o ne a bidiwa. Fa Rre Shalaiko a tlhageletse fa pele ga mokgatlho o o rulaganyang ditiro tsa sesole, o ne a kopa go dira tirelosetšhaba ka gonne segakolodi sa gagwe se sa mo letle go boela bosole.

Ofisi ya sesole e ne ya gana go reetsa Rre Shalaiko fa a re o na le tshwanelo ya go gana ka ntlha ya segakolodi mme ya tlhatlhela kgetsi ya gore o itlhokomolosa tirelo ya bosole. E ne ya nna kgetsi ya ntlha mo ntweng eno ya motho yo o ganang go ya tirelong ya sesole.

E re ka Rre Shalaiko e kile ya bo e le lesole, o ne a tlhaloganya gore puso e batla go sireletsa bolaodi le babusiwa ba yone. Le fa go ntse jalo, Rre Shalaiko o ne a tsibogela pitso eno ka molaomotheo wa Baebele wa go duela “Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” * A re jaaka Mokeresete, o tshwanetse go tlotla matshelo a batho le go ba bontsha lorato ka dinako tsotlhe. *

A Tirelosetšhaba ke go Itlhokomolosa Tirelo ya Bosole?

Ka November 13, 2014, Kgotlatshekelo ya Novomoskovsk e e mo kgaolong ya Dnipropetrovsk e ne ya reetsa kgetsi ya ga Rre Shalaiko. Kgotlatshekelo e ne ya utlwa gore ga a ka a tshaba fa a bilediwa bosole go na le moo o ne a itlhagisa kwa ofising ya sesole. Kgotlatshekelo e ne ya re Rre Shalaiko “o na le tshwanelo ya go dira tirelosetšhaba, tota le ka nako ya fa go rulaganngwa masole ka gonne ke leloko la bodumedi jo bo sa dumalaneng le go tshola dibetsa.”

Mo godimo ga moo, kgotlatshekelo e ne ya tlhomamisa gore tshwanelo ya ga Rre Shalaiko ya go dira tirelosetšhaba “e dumalana le Molaotheo wa Ukraine.” Gape e ne ya re ditshwanelo tsa batho tsa bodumedi di sirelediwa ke Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho * le Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (ECHR). Moatlhodi o ne a tsholola kgetsi ya ga Rre Shalaiko. Mosekisi o ne a ya go ikuela kwa kgotlatshekelong ya boikuelo.

A Tirelo ya Bosole e Botlhokwa go Feta Segakolodi?

Mosekisi o ne a gatelela gore pabalesego ya naga e botlhokwa go feta tshwanelo ya kgololesego ya bodumedi le go dira tirelosetšhaba. O ne a re ka nako ya fa go rulaganngwa masole, ditshwetso tsa ECHR ga di dire.

Ka February 26, 2015, Kgotlatshekelo ya kgaolo ya Dnipropetrovsk e ne ya re “fa segakolodi sa motho se sa mo letle go dira tirelo ya bosole ga se gore o a bo a dira diipato tsa go itlhokomolosa go bilediwa bosole.” Kgotlatshekelo e ne ya dira tshwetso e akantse ka tshwanelo ya ga Rre Shalaiko, gape le ka ditshwetso tse di direlweng ke ECHR tsa go re “Molawana 9 wa Tumalano [ya Yuropa]” * o sireletsa kgololesego ya motho ya go akanya, ya segakolodi le ya bodumedi.

Kgotlatshekelo e ne ya re Molawana 9 wa Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho ga o letle gore ditshwanelo tsa motho di gatakwe ka ntlha ya tshireletsego ya naga. Baatlhodi ba ne ba re “tshwanelo ya go gana ka ntlha ya segakolodi ga e ka ke ya thibelwa ka ntlha ya pabalesego ya naga.” Ba ne ba fetsa ka go re molao wa Ukraine wa gore motho o na le tshwanelo ya go dira tirelosetšhaba o dira le ka nako ya fa go rulaganngwa masole. Tshwetso ya bone e ne ya dumalana le ya kgotlatshekelo ya ntlha mme ba tsholola kgetsi ya ga Vitaliy Shalaiko.

Batho Ba na Le Ditshwanelo

Ditshwetso tseno di bontsha gore Ukraine e tsaya tsia ditshwanelo tsa batho ba ba ganang go tsenela bosole, tota le fa setšhaba se le mo maemong a tshoganyetso. Gape ditshwetso tsa kgetsi ya ga Rre Shalaiko di dumalana le melao ya mo dinageng tse dingwe ya gore motho o na le tshwanelo ya gana ka ntlha ya segakolodi. *

Le fa go ntse jalo, mosekisi o ikuetse gape kwa Kgotlatshekelokgolo ya Ukraine. Ka April 30, 2015, mmueledi wa ga Rre Shalaiko o ne a tsenya kopo ya gore ikuelo ya mosekisi e se ka ya reediwa.

Vitaliy Shalaiko ke mongwe wa Basupi ba le bantsi ba ba bilediwang sesole kwa Ukraine. Basupi ba a itlhagisa fa ba bidiwa ba bo ba kopa ka maitseo gore ba dire tiro e nngwe e e dumalanang le tumelo ya bone. Gantsi dikopo tsa bone di a reediwa mme ke Basupi ba se kae fela ba ba ileng ba sekisiwa. Gone jaanong, go mo diatleng tsa Kgotlatshekelokgolo ya Ukraine gore e tlhomamise gore Ukraine e tla tlotla kopo ya Basupi ya go gana go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi.

^ ser. 4 Bona setlhogo se se reng “Goreng Lo sa Ye Ntweng?

^ ser. 7 Ukraine e ne ya dumalana le Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho ka 1997.

^ ser. 10 Kgotlatshekelo ya boikuelo e ne ya dira tshwetso e akantse ka dikatlholo tseno tsa ECHR: Jehovah’s Witnesses of Moscow and Others v. Russia le Bayatyan v. Armenia.

^ ser. 13 Bona Bayatyan v. Armenia [GC], no. 23459/03, §§ 98-111, ECHR 2011;