Fetela kwa tshedimosetsong

DIPHALANE 4, 2012
Ukraine

Tshiamiso e a Diragadiwa Kwa Ukraine

Tshiamiso e a Diragadiwa Kwa Ukraine

Ka Lwetse 26, 2012, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Ukraine e ne ya senya maiteko a a seng ka fa molaong a go gapa karolo e kgolo ya setsha se ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Ukraine e agilweng mo go sone.

Basupi ba rekile setsha seno semolao ka 1998. Le fa go ntse jalo, ka 2008 motho yo o ba rekiseditseng setsha o ne a se rekisa gape, a se rekisetsa Sport Development Center LLC (SDC). Kwa Ukraine, seno se itsege e le go gapa ditsha ka bonokwane.

Kgotlatshekelo ya selegae ya tsa kgwebo e ne ya swetsa ka gore SDC e rekile setsha seno ka fa molaong, mme boikuelo jwa Basupi bo ne jwa kgaphelwa kwa thoko.

Le fa go ntse jalo, tshiamiso e ne ya diragadiwa. Ka Sedimonthole 2011, kgotlatshekelo e kgolo ya tsa kgwebo e ne ya buelela Basupi mme ka Moranang 2012 ya gana boikuelo jwa SDC. Tshwetso e e dirilweng ke kgotlatshekelo eno e ne ya tlhomamisa gore go ya ka molao, setsha seo ke sa Basupi ba ga Jehofa. Morago ga dikgwedi di le tharo, kgotlatshekelo ya boikuelo ya tsa kgwebo kwa Lviv e ne ya fetola tshwetso e e seng ka fa molaong e e dirilweng ke kgotlatshekelo ya selegae, ya gore setsha seo ke sa SDC.

Mo maitekong a yone a bofelo a go gapa setsha seo, SDC e ne ya ikuela kwa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Ukraine ka tshwetso e e dirilweng ka Moranang. Le fa go ntse jalo, ka Lwetse 26, kgotlatshekelo e ne ya gana kopo ya bone ka bonako mme ya fedisa kgang eo ka tsela e e molemo.

Fa setsha seo se ka bo se gapilwe, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tla latlhegelwa ke dikago tsa bone tsa botsamaisi le karolo e kgolo ya setsha mme seo se ne se tla emisa ditiro tse di dirwang kwa ntlokgolo ya bone kwa Ukraine.