Fetela kwa tshedimosetsong

MORANANG 7, 2014
Uzbekistan

A Seemo sa Basupi ba ga Jehofa Kwa Uzbekistan se Tla Tokafala?

A Seemo sa Basupi ba ga Jehofa Kwa Uzbekistan se Tla Tokafala?

Basupi ba ga Jehofa kwa Uzbekistan ba na le tsholofelo ya gore balaodi ba naga eo ba tla ba letla gore ba obamele ba sa kgorelediwe. Igor Yurchenko, moemedi wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a le mo dipuisanong le balaodi ba Uzbekistan ka 2013, o ne a re: “Re lemogile gore dilo di tokafetse mo dipuisanong tsa rona le balaodi ba Uzbekistan, mme go lebega ba ikemiseditse go dira diphetogo tse di molemo. Re solofela gore dipuisano tseno di tla felela jalo.”

Abdubannob Akhmedov

Ka Mopitlwe 2, 2013, balaodi ba Uzbekistan ba ne ba tsaya kgato e e solofetsang ka go golola Abdubannob Akhmedov mo kgolegelong morago ga go fetsa dingwaga di feta di le nnè le sephatlho tsa katlholo ya dingwaga di le thataro le sephatlho. E ne e le mongwe wa Basupi ba bararo ba ba neng ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya ditiro tse di amanang le bodumedi. Ba bangwe ba babedi ba ne ba gololwa pelenyana ka 2012. Re bua jaana, ga go na Basupi ba ba mo kgolegelong kwa Uzbekistan.

Dikgwedinyana morago ga gore Rre Akhmedov a gololwe, balaodi ba Uzbekistan ba ile ba ikemisetsa go dira diphetogo tse di molemo e le go bontsha gore ba tlotla ditshwanelo tsa batho. Ka Phukwi 5, 2013, puso ya Uzbekistan e ne ya bolelela Kokoano ya UN Universal Periodic Review [Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le le sekasekang ditshwanelo tsa batho mo dinageng tse di farologaneng] ka maikemisetso a yone a go diragatsa ditshwetso tsa go tsaya tsia kgololesego ya bodumedi ya batho le ya ditlhopha e sa tlhaole.

Maiteko a go Kwadisa Diphuthego Tse Disha

Ga jaana, go na le phuthego e le nngwe fela ya Basupi ba ga Jehofa e e kwadisitsweng semolao mo Uzbekistan, mo toropong ya Chirchik e e mo kgaolong ya Tashkent. Mme gone, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba nna mo dikarolong tse dingwe tsa naga. E re ka Basupi ba ntse ba sa kgone go kwadisa diphuthego tse disha fa e sa le ka 1996, ba obamela ka kagiso kwantle ga tshireletso ya semolao, se se ka dirang gore ba otlhaiwe. Rre Yurchenko o ne a tswelela ka go re: “Re solofela gore dipuisano tsa rona tse di sa ntseng di tsweletse le balaodi di tla felela ka gore dilo di tokafale le gore diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo Uzbekistan di kwadisiwe semolao.”

Basupi ba ga Jehofa ba lebile pele go obamela ka kagiso mo Uzbekistan e bile ba na le tshepo ya gore balaodi ba tla kwadisa diphuthego tse disha mo nakong e e sa fediseng pelo.