Fetela kwa tshedimosetsong

Uzbekistan

Dintlha ka Uzbekistan

Dintlha ka Uzbekistan

Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go nna teng kwa Uzbekistan le pele naga eo e ikemela ka 1991. Ka 1992, Uzbekistan e ile ya tlhoma molao o o tlotlang ditshwanelo tsa batho. Le fa go ntse jalo, puso ga e latele molao oo ka botlalo fa go tla mo kgannyeng ya tshwanelo ya go itlhophela bodumedi.

Badiredipuso ba sa ntse ba gana go kwadisa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa semolao ntle le phuthego e e kwa Chirchik. * Seo se raya gore Basupi ba tla bo ba tlola molao fa ba ka tshwara dipokano tsa bone kwa ntle ga Holo ya Bogosi e e kwa Chirchik. Gangwe le gape mapodise a kgoreletsa dipokano tsa Basupi go akaretsa le tse ba di tshwarelang mo magaeng a bone. Mapodise a tshwara batho ba ba tlileng dipokano tseo le go tsaya dilo tsa bone, go akaretsa le dikgatiso tsa bone tsa Baebele. Ba ba tsenya mo kgolegelong malatsi a le mantsi ba bo ba ba itaya le go ba kgoba ka mafoko. Basupi bangwe ba ile ba laelwa gore ba duele madi a mantsi, ba atlholwa botlhoko le go isiwa kgolegelong dingwagangwaga ka gonne ba dira ditiro tsa bodumedi. E re ka puso e gana go kwadisa Basupi semolao, seo se dira gore Basupi ba tshwarwe ka gonne ba dira ditiro tsa bodumedi jwa bone.

Basupi ba ntse ba tsweletse go dirisana le baemedi ba puso, ba leka go kwadisa semolao diphuthego tse di mo Uzbekistan, segolobogolo tse di kwa Tashkent. Fa Basupi ba ka kwadisiwa semolao, seo se tla ba sireletsa kgatlhanong le ditlhaselo e bile se tla dira gore batho ba tlotle tshwanelo ya Basupi ya go tlhopha bodumedi jo ba bo batlang.

^ ser. 3 E ile ya kwadisiwa semolao ka 1994 le ka 1999.