Fetela kwa tshedimosetsong

AUGUST 10, 2015
Zimbabwe

Basupi ba Kwa Zimbabwe ba Tshwara Dikopano Tsa 2015 Tsa “Etsang Jesu!” Ngwaga Morago ga Kopano ya Ditšhabatšhaba E e Sa Lebalesegeng

Basupi ba Kwa Zimbabwe ba Tshwara Dikopano Tsa 2015 Tsa “Etsang Jesu!” Ngwaga Morago ga Kopano ya Ditšhabatšhaba E e Sa Lebalesegeng

HARARE, Zimbabwe—Basupi ba ga Jehofa kwa Zimbabwe ba ne ba simolola Dikopano Tsa Tikologo Tsa 2015 Tsa “Etsang Jesu!” ka Labotlhano July 31. Go rulagantswe gore ditiragalo tseno tsa malatsi a mararo di tswelele mo lobakeng lwa dibeke di le 12 tse di latelanang go fitlha mo bogareng jwa October.

Geoffrey Jackson, leloko la Setlhopha se se Laolang, a neetse puo ya Baebele mo kopanong ya ditšhabatšhaba ya 2014 kwa Zimbabwe. Mo matlhakoreng a gagwe go na le batoloki ba babedi ba Basupi ba ba ranolang fa a ntse a bua.

Mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa Zimbabwe e bong John Hunguka, a re: “Re solofetse go le gontsi thata mo kopanong ya monongwaga ka ntlha ya katlego e kgolo e re nnileng le yone fa re ne re tshwere kopano ya ditšhabatšhaba ka 2014 mo Harare, e e neng e le tiragalo ya botlhokwa thata mo hisitoring ya Basupi ba ga Jehofa mo nageng eno.” Lokwalodikgang longwe mo go a a itsegeng thata mo Zimbabwe e leng NewsDay, lo ne lwa bega gore kopano ya ditšhabatšhaba e ne e le “kokoano ya bodumedi e kgolo go gaisa epe e e kileng ya nna teng” mo nageng eo e bile e ne ya dira gore Basupi ba ga Jehofa ba nne gareng ga batho ba go buiwang thata ka bone mo nageng eo ka 2014.

Mo letsatsing la bofelo la kopano eo ya 2014 batho ba ba fetang 82 000 ba ne ba nna gone kwa National Sports Stadium kwa Harare. Fa John Jubber, yo e leng moemedi wa ofisi ya lekala la Basupi kwa Zimbabwe a ne a botsolodiwa morago ga kopano, o ne a re: “Re ne re na le baemedi ba le 3 500 ba ba tswang kwa Brazil, Jeremane, United States, Zambia le Kenya.”

Monongwaga Basupi ba kwa Zimbabwe ba tla tshwara Dikopano Tsa Tikologo Tsa “Etsang Jesu!” di le 39 mo mafelong a le mmalwa, go akaretsa le Zimbabwe International Trade Fair Grounds. Thulaganyo eno e tla tshwarwa e feletse kgotsa e le dikarolo dingwe tsa yone ka Puo ya Diatla ya Kwa Zimbabwe, Se-China (Mandarin), Se-Chitonga (Zimbabwe), Seesemane, Sendebele (Zimbabwe), Seshona le Seswahili. Matlha a a tlhomameng a dikopano tseno le mafelo a di tla tshwarelwang kwa go one kwa Zimbabwe, a ka bonwa mo website ya rona ya semolao ya Basupi ya, jw.org/tn.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Zimbabwe: John Hunguka, tel. +263 4 2910591