Fetela kwa tshedimosetsong

JUNE 7, 2017
EGEPETO

‘Ke Eletsa go Bona Basupi ba ga Jehofa ba sa Tlhole ba Thibetswe’

‘Ke Eletsa go Bona Basupi ba ga Jehofa ba sa Tlhole ba Thibetswe’

Ehab Samir ke moagi wa Egepeto yo o nang le dingwaga di le 52 e bile ke Mosupi wa ga Jehofa. Rre Samir a re fa e sa le puso ya Egepeto e thibela tiro ya Basupi kwa nageng eo, badiredi ba puso ba tshwara Basupi ba le bantsi “jaaka e kete ke dinokwane.” Ke ka moo a ileng a kgothadiwa ke setlhogo se a ileng a se bala mo Internet se se neng se tlhalosa maemo ano fela jaaka a ntse.

Setlhogo seo se ile sa tsenngwa mo Internet ke lokwalodikgang la kwa Egepeto la Shbab Misr ka August 19, 2016 mme se ne se tlhalosa maikutlo a ga Dr. Riham Atef ka Basupi ba ga Jehofa. Dr. Atef yo e leng porofesa kwa Yunibesithing ya Cairo e bile e le mmegadikgang, o ne a tlhalosa dikgopolo tse di phoso tse batho bangwe ba Egepeto ba nang le tsone ka Basupi ba ga Jehofa. Dr Atef o itse Basupi ba ga Jehofa e bile o ile a dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka bone ke ka moo a ileng a re: “Ke a itse gore ba na le botho e bile ba tlotla madumedi a mangwe.”

“Ba Kgothaletsa Batho go Ratana le go Utlwana”

Dr. Atef o ne a kwalela batho “ba ba neng ba sa itse sepe ka Basupi ba ga Jehofa le ba ba ba tlhoileng ka gonne ba filwe tshedimosetso e e sa siamang ka bone.” O ne a umaka dilo dingwe tse Basupi ba di dumelang le go tlhalosa gore “tshedimosetso e nngwe e e oketsegileng e ka fitlhelwa mo website ya bone ya www.pr418.com.”

Fa Dr. Atef a sena go tlhalosa dilo dingwe ka Basupi ba ga Jehofa, o ne a tlhalosa pharologanyo fa gare ga se a se lemogileng ka bone le se batho ba le bantsi ba Egepeto ba se akanyang ka bone. O ne a re: “Ga ke tlhaloganye lebaka la go bo ba thibetswe. Ga ba itshunye nko mo dipolotiking. . . . Ba kgothaletsa batho gore ba ratane le go utlwana.” Dr. Atef o ne a botsa babadi jaana: “A ke tsone dilo tse di dirang gore ba thibelwe? Kgotsa a ba thibetswe ka gonne dilo tse ba di rutang di sa tshwane le tse dikereke di di rutang?”

‘Ke Eletsa go Bona Basupi ba ga Jehofa ba sa Tlhole ba Thibetswe’

Rre Samir o ile a rata setlhogo seo thata jaana mo a neng a kwalela morulaganyi wa lokwalodikgang loo a mo leboga. O ne a re: “Ke badile ditlhogo di le dintsi tse babegadikgang [ba Egepeto] ba ileng ba di kwala ka Basupi ba ga Jehofa, mme ga se gantsi ba buang bontle jaana ka bone. Ke ka moo ke kgatlhilweng thata ke bopelokgale jwa ga Dr. Riham Atef le go bo a ile a kwala boammaaruri ka bone.” Ka December 11, 2016, lokwalodikgang lo ne lwa kwala se Rre Samir a neng a se bua.

Rre Samir o ne a re o swabisiwa ke tsela e e setlhogo e Basupi ba tshwarwang ka yone mme a tlhalosa gore seo se bakwa ke dikgang tse di seng boammaaruri tse di anamisiwang ke baruti ba dikereke. Rre Samir a re dikgang tseno ke tsone di dirileng gore a tshwarwe setlhogo. O ne a re: “Fa o batla go itse motho sentle, o tshwanetse go bua le ene. Ka jalo, ke leboga Dr Riham Atef ka se a se kwadileng.”

Rre Samir o ne a konela lekwalo la gagwe ka mafoko ano a a nametsang pelo: “Ke eletsa go bona nako e ka yone tiro ya Basupi ba ga Jehofa e tla bong e sa tlhole e thibetswe mo nageng ya rona, gore re kgone go obamela Modimo ka kgololesego.”

Tsholofelo ya go Obamela Modimo ka Kgololesego

Mo dingwageng tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba obamela Modimo ka kgololesego kwa Egepeto e bile ba kwadisitswe semolao. Mme ka 1960, ba ile ba thibelwa e bile ba sa letlelelwa go dira dilo tse madumedi a mangwe a Bokeresete kwa Egepeto a neng a di dira.

Dr. Atef o ne a tlhalosa gore fa e sa le ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa kwa Egepeto ba ntse ba bontsha gore ke batho ba ba nang le maikarabelo mo setšhabeng, ba ba kgothaletsang batho gore ba ratane le gore ba utlwane mo maemong mangwe le mangwe. Batho ba le bantsi le bone ba eletsa go bona Basupi ba ga Jehofa ba obamela gape ka kgololesego mo Egepeto.