Fetela kwa tshedimosetsong

NGWANATSELE 12, 2013
INDIA

Setsuatsue Phailin se Ripitla India

Setsuatsue Phailin se Ripitla India

Ka Diphalane 12, 2013, Setsuatsue Phailin, e leng setsuatsue se se maatla go gaisa tse di kileng tsa itaya India mo dingwageng di feta lesome, se ne sa itaya dikarolo tse di kwa botlhaba jwa India kwa Odisha le Andhra Pradesh. Setsuatsue seno se se bakileng tshenyo e kgolo se se neng se tsamaya ka diphefo tsa lobelo lwa dikilometara di ka nna 225, se ne sa dira gore batho ba ka nna diketekete ba tswe mo magaeng a bone kwa Odisha mme sa baka merwalela le go bolaya batho ba ka nna 43. Ga go ope wa Basupi ba ga Jehofa yo o suleng kgotsa yo o gobetseng mo mafelong ano. Pele ga Setsuatsue Phailin se fitlha kwa lotshitshing lwa Andhra Pradesh, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa India e ne ya rulaganya komiti ya namolo gore e thuse go fudusa Basupi ba ka nna 70 ba ba nnang mo karolong eo ya lotshitshi. Ba ba fudusitsweng ba ne ba tlhokomelwa kwa magaeng a Basupi ka bone.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

India: Tobias Dias, tel. +91 9845476425.