Fetela kwa tshedimosetsong

INDIA

Dintlha ka India

Dintlha ka India

Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go nna teng kwa India fa e sa le ka 1905. Ba ne ba nna le ofisi ka 1926 kwa Bombay (e ga jaana e bidiwang Mumbai), le go kwadisiwa semolao ka 1978. Molao wa India o thusa Basupi thata ka gonne o tlotla tshwanelo ya motho ya go itlhophela bodumedi le go bolelela ba bangwe dilo tse motho a di dumelang. Basupi ba ile ba itumelela katlholo ya Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa India mo kgetsing ya Bijoe Emmanuel v. State of Kerala e bile kgetsi eo e ba thusitse go nna le kgololesego ya bodumedi. Mme mo mafelong mangwe, ba tlhoilwe ka ntlha ya bodumedi jwa bone e bile ba tlhaselwa ke digopa tsa batho.

Ka 1977, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne ya tlhalosa gore go na le pharologano fa gare ga go bolelela motho ka bodumedi jwa gago le go leka go mo dira gore a nne karolo ya bodumedi jwa gago. Gape e ne ya tlhalosa gore ga go na ope yo o nang le tshwanelo ya go leka go dira gore motho yo mongwe a nne karolo ya bodumedi jwa gagwe e bo e re molao wa puso o o malebana le kgang eno ga o a tshwanela go fetolwa. Fa mapodise a tshwara digopa tsa batho ba ba tlhaselang Basupi, digopa tseno di umaka katlholo eo ya kgotlatshekelo di bo di bolelela mapodise gore di fitlhetse Basupi ba leka go dira gore batho ba tsene kereke ya bone. Mo mafelong a molao oo o letleletsweng kwa go one, baganetsi ba latofatsa Basupi gore ba tlhapatsa Modimo e bile ba dirisa molao wa bogologolo go thibela Basupi gore ba se ka ba rera phatlalatsa. Mme seo se dirile gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhaselwe ke batho makgetlo a feta 150 fa e sa le go tloga ka 2002. Mapodise a dira gore seemo seno se nne maswe le go feta ka gonne ga a tshware batho ba ba dirang dilo tseno.

Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba leka go buisana le puso le go leka go ikuela kwa dikgotlatshekelong gore di sireletse tshwanelo ya bone ya go obamela Modimo ka kgololesego. Basupi ba lebeletse gore puso le batho ba bangwe ba ikobele katlholo e e ileng ya ntshiwa ke Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang mo kgetsing ya Bijoe e e reng: “Setso sa rona se re ruta gore re dirisane sentle; re rutiwa gore re dirisane sentle le ba bangwe; molao wa rona o re thusa gore re dirisane sentle; a re lekeng go dirisana sentle le batho ba bangwe.” Basupi ba solofela gore maiteko a bone a tla thusa gore ba se ka ba tlhaselwa ke digopa tsa batho go na le moo ba itumelele go direla Modimo ba gololesegile.