Fetela kwa tshedimosetsong

AUGUST 3, 2017
INDIA

Merwalela ya Kwa India

Merwalela ya Kwa India

Diphefo tse di maatla di ile tsa baka dipula tsa matlakadibe tse di nang ka magadima kwa dikarolong dingwe tsa India mme baitse ba re dipula tseno di maatla go gaisa dipe fela tse di kileng tsa na dingwaga di feta 100 tse di fetileng. Ditoropo di le mmalwa di ile tsa senngwa ke merwalela le seretse e bile batho ba le 700 ba ile ba tlhokafala mme ba le dimilione ba ile ba latlhegelwa ke magae a bone.

Fa e sa le go tloga ka July 31, 2017, ga go na dipego tsa gore go na le Mosupi mongwe yo o tlhokafetseng kgotsa yo o gobetseng thata. Mme matlo a le mararo a Basupi ba ga Jehofa a ile a tsena metsi le fa gone a sa senyega thata. Basupi ba ga Jehofa ba kwa India ba thusa Bakeresete ka bone ka dilo tse ba di tlhokang.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa Ntlokgolong: David A. Semonian wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa India: Tobias Dias mo nomorong ya +91-9845476425