Fetela kwa tshedimosetsong

JANUARY 23, 2017
ITALY

Masetlapelo a a Wetseng Batho ba Kwa Italy

Masetlapelo a a Wetseng Batho ba Kwa Italy

Ka Laboraro, January 18, 2017, aese e kgolo e e neng e wa mo thabeng e ne ya wela motse wa Abruzzo o o kwa bogare jwa Italy mme ya khurumetsa hotele e e neng e na le batho ba ka nna 30. Ga se lekgetlo la ntlha lefelo leno le welwa ke masetlapelo ka gonne ka August go ile ga nna le thoromo e kgolo ya lefatshe kwa motseng oo. Aese eno e ne ya tla morago ga gore go nne le dithoromo tse nnê tsa lefatshe mo letsatsing le le lengwe. Ba tsa thuso ya potlako ba tshwere phage ka mangana ka gonne kapoko e ile ya wa mo bekeng eo mme ditoropo di le mmalwa ga di na motlakase e bile di kgakala.

Le fa ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa ya kwa Italy e bega gore ga go ope wa Basupi yo o tlhokafetseng kgotsa yo o gobetseng thata, e ntse e leka ka thata go ikgolaganya le malapa a Basupi a a nnang mo mafelong a a wetseng ke kapoko le a a amilweng ke dithoromo tsa lefatshe. Bagolwane ba diphuthego tsa Basupi ba ntse ba leka go thusa malapa ka dijo, metsi, dikgong le ka dilo tse dingwe tse di tlhokegang. Ofisi ya lekala e ntse e etse maemo tlhoko le go thusa fa go tlhokegang gone.

Media Contacts:

International: David A. Semonian, Office of Public Information, +1-845-524-3000

Italy: Christian Di Blasio, +39-06-872941

Information on file with the Office of Public Information.