Fetela kwa tshedimosetsong

MAY 1, 2018
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Dikopano Tsa Tikologo Tsa 2018 Tsa Basupi ba ga Jehofa di Tla Simolola ka May

Dikopano Tsa Tikologo Tsa 2018 Tsa Basupi ba ga Jehofa di Tla Simolola ka May

NEW YORK—Basupi ba ga Jehofa ba ipaakanyeditse go simolola kopano ya bone ya tikologo ka Labotlhano, May 18, 2018. Setlhogo sa ngwaga ono sa re, ‘Nna Pelokgale!’ Pele ga tiragalo eno, Basupi mo lefatsheng lotlhe ba tla nna le seabe mo letsholong la go laletsa batho kwa dikopanong tseno, mme go tsenwa mahala. Dikopano tseno di tla tshwarelwa kwa mafelong a le mantsi mo dinageng di le 180.

Thulaganyo eno ya malatsi a mararo, e na le dipuo di le 54 mme mo dipuong tseo go na le diterama tsa mantswe fela, dipotsolotso le dibidio tse di khutshwane. Mo godimo ga moo, go na le filimi ya setlhogo se se reng, Pego ya ga JonaGo Ithuta go Nna Pelokgale le Kutlwelobotlhoko mme e tla tshamekiwa mo letsatsing la bofelo la kopano eno. Letsatsi le letsatsi, thulaganyo ya mo mosong le ya thapama di tla simolola ka dibidio tsa mmino tse di rulaganyeditsweng kopano eno fela.

David A. Semonian, yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa a re: “Gompieno fa o lebelela dikgang, o kgona go bona sentle gore batho ba dingwaga tse di farologaneng ba lebana le mathata a le mantsi go feta le fa e le leng pele. Go tlhokega bopelokgale gore re kgone go lebana le mathata ano. Re laletsa mongwe le mongwe go tla kopanong eno ya tikologo gore a tle go utlwa kafa kgakololo e e mo Baebeleng e ka re thusang ka gone.”

Gore o kgone go bona matlha le mafelo a dikopano tseno di tla tshwarelwang kwa go one, tsena mo jw.org.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

David Semonian mo Ofising ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000