Fetela kwa tshedimosetsong

DIPHALANE 11, 2013
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

App e Ntšha ya go Ithuta Baebele ya JW Library

App e Ntšha ya go Ithuta Baebele ya JW Library

Ka Diphalane 7, 2013, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go dirisa app ya JW Library go ithuta Baebele. Batho ba tla kgona go dirisa app eno e ntšha go bala Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e e tlhabolotsweng ya 2013 mmogo le dithanolo tse dingwe tse tlhano tsa Baebele go akaretsa American Standard Version le King James Version. Go tlhabololwa ga thulaganyo eno mo isagweng go tla thusa batho go itseela dibuka, dimakasine le diboroutšhara tse di theilweng mo Baebeleng le go di ithuta. Gone jaanong JW Library e ka dirisiwa mo iPad®, iPhone®, le iPod touch®, mo didirisiweng tse di nang le Android™ 2.3 le tsa bosheng, le mo dikhomputareng le di-tablet tse di dirisang Windows 8. Mo isagweng go tla gololwa e e dirisiwang mo Windows Phone 8.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000