Fetela kwa tshedimosetsong

DIPHALANE 11, 2013
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Baebele e e Tlhabolotsweng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo

Baebele e e Tlhabolotsweng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo

Mo kokoanong e e kgethegileng ya Diphalane 5, 2013, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsise ka go gololwa ga Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e e tlhabolotsweng ya Seesemane. E re ka puo e ntse e fetofetoga, Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha ya bosheng e dirile diphetogo mo mokwalong le go tokafatsa mafoko mangwe a Baebele, ya dira gore e balege le go tlhaloganngwa motlhofo. Dipatlisiso tse di tseneletseng tse di dirilweng mo Memenong ya Lewatle le le Suleng le mo mekwalong e mengwe ya seatla ya bogologolo, di ne tsa dira gore go tsenngwe leina la Modimo ka makgetlo a a oketsegileng a le marataro mo thanolong eno: Baatlhodi 19:18; 1 Samuele 2:25; 6:3; 10:26; 23:14; 23:16. O ka itseela PDF ya Baebele e e gatisitsweng kgotsa e e mo app e ntšha ya JW Library mahala mo www.pr418.com/tn.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000