Fetela kwa tshedimosetsong

LWETSE 27, 2013
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Diphetogo Tse di Dirilweng mo jw.org/tn

Diphetogo Tse di Dirilweng mo jw.org/tn

Mo masimologong a Diphalane 2013, karolo ya Dikgang le ya Ka ga Rona mo website ya rona di tla fetolwa. Dikgang di tla bidiwa Lefelo la Dikgang. Tshedimosetso e e mo karolong eno e tla rulaganngwa go akantswe ka metswedi ya dikgang ya maemo a a kwa godimo le setšhaba. Dikgang tse dintsi tse di neng di tlhaga mo karolong ya Dikgang di tla bonwa mo karolong ya Ka ga Rona mo linking e ntšha ya Ditiro. Dilo tse di tla tlhagang mo karolong eno di tla kgatlha batho ba ba ratang tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Dikgang le dibidio di tla tsenngwa mo ditlhogong tse di latelang: Bodiredi Jwa Rona Jwa Phatlalatsa, Tiro ya Rona ya go Gatisa, Ditiro Tse di Kgethegileng, Botshelo Kwa Bethele, Diporojeke Tsa Kago, Go Thusa Setšhaba le Go Tshela ka Melaometheo ya Baebele.