Fetela kwa tshedimosetsong

PHUKWI 8, 2013
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Merwalela Kwa Yuropa Bogare

Merwalela Kwa Yuropa Bogare

Mo masimologong a Seetebosigo, dipula tsa matsorotsoro tse di neng tsa na mo bogareng jwa Yuropa di ne tsa baka merwalela kwa Austria, Czech Republic, Jeremane, Hungary, Slovakia le Switzerland. Go ne ga swa batho ba ka nna 20 mme ba bangwe ba ka nna 100 000 ba ne ba ntshiwa mo mafelong ao. Dipego tsa bosheng di bontsha gore ga go Basupi bape ba ba suleng kgotsa ba ba gobetseng thata mo masetlapelong ano. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ka nna 100 kwa Jeremane mmogo le malapa a ka nna lesome kwa Czech Republic ba ne ba tshwanelwa ke go ntshiwa mo magaeng a bone. Basupi bano ba ba ntshitsweng mo magaeng a bone ba ne ba ya go nna le ba masika a bone kgotsa le Basupi ba mo lefelong leo. Holo ya Bogosi ya kwa Jeremane le ya kwa Austria di ne tsa senyega. Bagolwane ba Basupi ba mo mafelong ao ba ne ba dira dithulaganyo tsa namolo, mme ba thusa batswasetlhabelo ka dilo tsa senama le tsa semoya.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Germany: Wolfram Slupina, tel. +49 6483 41 3110

Slovakia: Rastislav Eliaš, tel. +421 2 49107611