Fetela kwa tshedimosetsong

LWETSE 18, 2013
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Thulaganyo e Ntšha ya Puo ya Diatla!

Thulaganyo e Ntšha ya Puo ya Diatla!

O ka kgona go itseela le go tshameka dibidio tsa puo ya diatla mo jw.org/tn o dirisa thulaganyo e ntšha ya JW Library Sign Language. O ka kgona go di leba le fa o se na Internet. Thulaganyo eno e na le ditshwantsho tse dintle, didirisiwa tse di motlhofo tsa go senka, e bile go motlhofo go e dirisa. Gape thulaganyo eno e ka dirisiwa mo iPad®, iPhone®, le iPod touch®, le mo didirisiweng tse di nang le Android™ 3.0 le tsa bosheng. Mo isagweng go tla gololwa e e ka dirisiwang mo Windows 8.