Fetela kwa tshedimosetsong

MOPITLWE 20, 2014
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Basupi ba ga Jehofa ba Tla Simolola Letsholo la Lefatshe Lotlhe la go Laletsa Batho Kwa Segopotsong sa Loso Lwa ga Keresete

Basupi ba ga Jehofa ba Tla Simolola Letsholo la Lefatshe Lotlhe la go Laletsa Batho Kwa Segopotsong sa Loso Lwa ga Keresete

NEW YORK—Ka Matlhatso, Mopitlwe 22, 2014, Basupi ba ga Jehofa ba tla simolola letsholo la lefatshe lotlhe la go laletsa batho kwa tiragalong e Basupi ba e tsayang e le botlhokwatlhokwa mo ngwageng: Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Ngogola, batho ba le 19 241 252 ba ne ba nna gone mo tiragalong eno e e kgethegileng. Basupi ba solofela go fitlhelela tlhora e ntšha ya batho ba ba tla bong ba le gone mo Segopotsong sa monongwaga, se se tla bong se tshwerwe ka Mantaga, Moranang 14, fa letsatsi le se na go phirima.

J. R. Brown, mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa ntlokgolo ya bone ya lefatshe lotlhe kwa New York, a re: “Re tlhomamesegile gore botlhe ba ba tla nnang gone mo Segopotsong ba tla itumelela tiragalo eno e bile e tla ba solegela molemo. Seno se re tlhotlheletsa gore re laletse batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone gore ba nne le rona mo tiragalong eno e e boitshepo.”

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000