Fetela kwa tshedimosetsong

MOTSHEGANONG 16, 2013
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Dikopano Tsa Basupi ba ga Jehofa Tsa “Lefoko la Modimo ke Boammaaruri!” di a Simologa

Dikopano Tsa Basupi ba ga Jehofa Tsa “Lefoko la Modimo ke Boammaaruri!” di a Simologa

NEW YORK—Basupi ba ga Jehofa ba rulaganya dikopano tsa bone tsa ngwaga le ngwaga mmogo le letsholo la go laletsa batho kwa go tsone. Setlhogo sa kopano sa monongwaga sa re “Lefoko la Modimo ke Boammaaruri!” Basupi ba simolola motseletsele wa dikopano tseno kwa United States ka Motsheganong, mme di tla tswelela mo lefatsheng lotlhe go fitlha kwa bowelong jwa Sedimonthole.

J. R. Brown, mmueledi wa Basupi, a re: “Setlhogo sa kopano ya monongwaga se botlhokwa thata ka gonne se gatelela sengwe se se botlhokwa se malapa a Basupi ba ga Jehofa a tshwanetseng go se ela tlhoko. Malapa a Basupi a tsaya Baebele e le motswedi o o ikanyegang o o nayang kaelo e e mosola mo dinakong tseno tse di thata. Mme re solofela gore batho ba bangwe le bone ba tla solegelwa molemo le go itumelela dikarolo tse di farologaneng le tse di agang tsa thulaganyo eno.”

Rre Brown a re Basupi ba ga Jehofa ba tsaya go ithuta Baebele go le botlhokwa thata. Beke le beke, malapa a Basupi a beela nako kwa thoko maitseboa mangwe gore ba ithute Baebele le go dira dipatlisiso, mme ba bitsa thulaganyo eno “Kobamelo ya Lelapa.” Rre Brown o oketsa jaana: “Kopano ya monongwaga e na le dikgatiso tse disha tse motho a le nosi le malapa a ka di dirisang go ithuta Baebele. Mme seno ke ‘sengwe se sesha’ se Basupi ba nnang ba lebile pele go se amogela ngwaga le ngwaga mo dithulaganyong tsa rona tsa kopano.”

O ka bona matlha le mafelo a Dikopano Tsa Kgaolo tsa 2013 tsa “Lefoko la Modimo ke Boammaaruri” mo Web site ya semolao ya Basupi ya jw.org/tn. Babegadikgang ba ka ikgolaganya le ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa go bona tshedimosetso e e oketsegileng, go akaretsa leina la mokaulengwe yo o mo lefelong la kopano yo babegadikgang ba ka ikgolaganyang le ene fa ba batla go bega ka kopano eo.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000